Komiti ya botsamaisi e simolotse merero
16 May 2023
Modulasetilo wa komiti ya botsamaisi jwa ditlhopho kwa Serowe Bophirima, Mme Baipelelang Photlokwe o gakolotse banni ba kgaolo ya botlhophi ya Kgosing gore fa ba tlhopha matlhophelo, ba tlhokomele gore a ga se a e tlaa reng ka letsatsi la ditlhopho, mong wa lefelo a gane go bula a re puso e duele pele ga lefelo le dirisiwa.
A re mangwe a mafelo a go nna jalo ke dipolase.
Mme Photlokwe o tlhalositse fa ba kile ba tsamaya mo dikgwetlhong tsa mofuta oo mo nakong e e fetileng.
O buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Serowe ka Mosupologo e moono wa yone e neng e le go tsaya megopolo mo banning go itsa go ba tseela ditshwetso ka go kgaoganngwa ga kgaolo ya bone le go tlhophiwa ga matlhophelo.
O tlhalositse fa ba itemogetse mo dithophong tse di fetileng fa palo e e tlhophileng e ne e le kwa tlase ga e e ikwadisitseng.
Mme Photlokwe a re fa ba tlhopha matlhophelo e nne a a gaufi le batho.
O gakolotse banni go tlhopha mafelo a puso go nna matlhophelo, go itsa dikgogakgogano ka letsatsi la ditlhopho go nne ditlhopho di tsamaisiwa ka nako go setswe molao morago.
A re dikgaolo tsa botlhophi tsa bokhanselara di tshwanetse go nna mo teng ga kgaolo ya bopalamente, di tshwanetse gape tsa fiwa maina fa di sena go kgaoganngwa.
“Kgaolo ya botlhophi ya Kgosing e tona thata e na le dikgotlana di le masome mabedi le boraro mme matlhophelo a yone a ne a le mararo fela mo ditlhophong tsa 2019,” Mme Photlokwe a supa.
Fa a akgela, monni wa motse, Mme Batlhalefi Kedidimetse o supile fa kgaolo ya botlhophi ya Kgosing e tshwanetse go okelediwa matlhophelo.
A re kgaolo e e tona thata go ka nna le matlhophelo a le mararo fela.
A re bogolo a okediwe go nna matlhano mme a kopa gore leina la Kgosing le seka la fetolwa.
Rre Mpharanyane Motlhalemang ene o kaile fa a sa dumalane le ba ba reng kgaolo e kgaogannwe.
’’Ditlamelo di tshwanetse go latela batho gore ba kgone go di dirisa.
Ga go tlhokege gore kgaolo e kgaoganngwe ka go dira jalo go ka babalela puso,’’ Rre Motlhalemang a supa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Phodiso Gaebepe
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 16 May 2023