Breaking News

Puso e tla gokela mafaratlhatla a maranyane mo metsaneng ele 504 lefatshe ka bophara

16 May 2023

Lephata la Ditlhaeletsano, Kitso le Maranyane le tlaa ipelela letsatsi la mafatshefatshe la ditlhaeletsano le le tla ipelelwang kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le lesome le bosupa kwa  Ramotswa.

Letsatsi le le tla tshwarwa ka  fa tlase ga setlhogo se sereng Empowering the Least Developed Countries Through Information and Communication technologies.  

Tona wa Lephata la Ditlhaeletsano, Kitso le Maranyane,  Rre Thulagano  Segokgo a re setlhogo se "se gwetlha gore re le mafatshe a tlhabologang, re lome molomo wa tlase go oketsa tiriso ya maranyane go isa itsholelo ya mafatshe a rona kwa godimo".

A re ke ka moo lefatshe la Botswana le kwatabololang mo mafatsheng a  tshwana le bo Estonia a gatatseng pele ka go tsenya ditirelo mo maranyaneng.

Rre Segokgo o supile gore mo lenaneong la National Development Plan 11  puso e ne e itlamile go tlhabolola le go godisa itsholelo ya lefatshe  go phadisana le mafatshe a a tlhabologileng. Ka jalo a re ba  Botswana Fibre Networks (BoFINET) le ba Lephata la Digital Communications Infrastructure and Business ( DDCIB)  ba ne ba rongwa go gokaganya Takatokwane le Morwamosu ka ditlhaeletsano.

Tona Segokgo o tlhalositse fa puso e tla gokelela maranyane a internet ya lebelo le le kwa godimo mo dikgotleng, dikole le dikokelwana mo metseng e le makgolo a matlhano le bone (504 villages) mme tiro e tla lopa P1.75 billion,  fa go tlhabolola maranyane a ntseng ale teng go a isa kwa lebelong la 4G gone go tla lopa P1.6 billion.

O supile fa ba BoFINET le DDCIB ba sale ba simolotse tiro ya  go gokaganya metse ka tsa maranyane ka ngwaga wa 2014 ba tshwaragane le ba Department of Information Technology, mme mo bo gompienong ba setse ba gokeletse metse e le makgolo a mabedi le borataro (206).  

Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Mosadi  o lebogetse  Lephata la Ditlhaeletsano, Kitsiso le Boitsaanape  go lemoga Kgaolo ya Ga-Malete gotla go ba neela meamusu ya tsa maranyane.

Kgosi o supile fa ditlhaeletsano le  maranyane e le dingwe tse mafatshe ka bophara ba di beileng leitlho a ba a gakolola gore ba seka ba tlogela ba-na-le bogole kwa morago.

Tona wa Ditswa Mmung le Kgotetso e bile e le mopalamente wa Ramotswa, Rre Lefoko Moagi o tlhalositse  fa go anywa kitso e ntsha e le selo se se botlhokwa mme gape gole maleba gore motho a somarele le kitso e a katswang a tshotsweng  ka yone. 

O kopile gore dikgang tsa Network Extension  go botlhokwa gore di tsamaye ka mola o metse e golelang teng gore batho botlhe ba kgone akola meamuso ya puso.

Source : BOPA

Author : Itumeleng Naane

Location : Ramotswa

Event : Letsatsi la Ditlhaeletsanyo

Date : 16 May 2023