Breaking News

Borre ba rotloediwa go kuela kgokgontsho

15 May 2023

Borre ba rotloediwa go ikuela mabapi le dikgang tsa kgokgontsho mme ba seka ba nna le dikakanyo tsa gore ba tlaa tshegwa, ka mapodisi a tlhatlositse seemo go rarabolola dikgang tseo.

Seo se builwe ke moeteledipele wa lekalana la kgokgontsho ya bong le tshireletso ya bana go tswa mo sepodising, Mme Lesego Villander ka nako ya merapelo mo kgotleng ya Tsabong bosheng, kgatlhanong le dihawa tse di wetseng kgaolo ya Tsabong morago ga gore go tlhagoge koketsego ya dintsho tsa dipolaano tsa marato, kgokgontsho ya bong le go ikgapela matshelo.

Mme Villander a re ba itemogetse gore borre ba a kgokgontshiwa mo malwapeng, mme ba felele ba hekeeditswe ke maikutlo ba ikgapela botshelo.

O ba gakolotse gore ba phuthologe go tsisa dikgang tsa bone kwa mapodising gore di rarabololwe go na le go ikgapela botshelo.

A re mapodisi a itemogetse gore kgokgontsho e ile magoletsa ka lebaka la go iphetisa dino, go tswa foo go nna le tlhoka-kutlwisisanyo, dintwa.

Mme Villander a re mapodisi a kwadisitse melato e le 52 ya baratani ba ba loleng go simolola Firikgong mme bontsi jwa tsone e le tse di diragetseng go nowa, go lowa go bo go kgopakgopetsanwa ka mafoko.

Gape a re mapodisi a kwadisitse dikgang tsa bana ba ba dirisitsweng mo go tsa tlhakanelo dikobo di le thataro ka Motsheganong, mme mo go tsone bana ba basetsana ke ba tswa setlhabelo.

A re tiragalo tse, di felela di baka boimana jwa banan, mme ngwana a felele a kotlomela maikutlo, gape a felele a sa rate losea. Mo godimo ga seo, go baka gape dikgang tsa borre ba ba sa tlameleng bana.

A tlhalosa gore go na le dikgang tse dintsi tsa borre ba ba palelwang ke go tlamela bana kwa makgotleng a ditsheko.

Bangwe ba felela ba tlogela madi a tlhokomelo a kokotlesegela mme fa ba tshwarwa go arabela molato ba bona setlhare e le sone botshabelo.

A re mapodisi a itemogetse fa basetsana ba ba imisitsweng ba sa itse beng ba mpa.

O ne a gakolola gore kgodiso ya ngwana go tswa kwa moding e botlhokwa, ka jalo batsadi ba tshwanetse ba ema ka dinao go aga bana ba ba nang le boikarabelo.

Ka Mopitlo le Motsheganong ba kwadisitse dikgang di le lesome le bongwe tsa bomme ba ba thubeditsweng.

O ne a gakolola borre gore ba seka ba tshaba go bua fa ba patelediwa ke bomme, ka go bolelwa fa bomme bangwe ba patika borre mme ba felele ba ikaletsa ba paletswe ke go ba duela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : POTSOLOTSO

Date : 15 May 2023