Lotlhakane East o batla go kgaoganngwa gabedi
15 May 2023
Banni ba Lotlhakane East ba kopile gore motse wa bone o kgaoganngwe gabedi go nna Lotlhakane/Mosamowakwena le Lotlhakane/Goora Seno go bo go nne le makhanselara a le mabedi. Katlego e, ba dumela e tlaa thusa thata mo go iseng ditlamelo kwa motseng wa bone.
Banni ba buile jaana fa ba ntsha megopolo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le sekasekang melelwane ya dikgaolwana tsa makhanselara kwa kgotleng ya Lotlhakane East bosheng.
Fa a bua mo boemeng jwa banni ba motse oo, Mokhanselara Shimane Thelo o supile fa banni ba motse oo ba sekasekile kgang e, a re Lotlhakane East otlhe o na le batlhophi ba le 6 045, jalo ba bone go le botlhokwa go e kopanya le Molapowabojang West le Molapowabojang East, a tlatsa ka go re dipalo tsa batho ba metse e, di dira 8 722.
A re ka jalo ba bone gore ba fokotse kgaolo ya molapowabojang West go oketsa Lotlhakane East.
Rre Thelo a re fa thulaganyo e e ka dumalelwa makhanselara a tlaa oketsega go nna mane.
A re ba lemogile fa Kanye ka boyone e kokoane, a supa gore le fa e kabo e na le dipalo, boammaaruri jwa kgang ke gore ba ka kgona go tswelela fela ka palo ya makhanselara a a ntseng a le teng go sena matsapa ape.
Fa a ntsha pego gore ba eletsa go bona matlhophelo kae, Rre Thelo o supile fa morafe o kgotsofaletse fa bontsi jwa matlhophelo a beilweng teng.
Le fa go ntse jalo, o ne a kopa matlhophelo a mangwe kwa Ga-Moswaane, a re gantsi ka dinako tsa pula, molapo o a tlala, jalo go nne thata go ya go tlhopha ka ntlha ya gore matlhophelo a ka fa moseja.
O ne a supa gore ka setilo se sesha sa mokhanselara, ba tlaa tlhoka matlhophelo mo kgaolong ya Lotlhakane/Goora Seno, kwa Motlhagatsane le Rakgokojane.
Mo tekodisong ya gagwe, modulasetilo wa komoti e e okametseng thulaganyo ya lekoko le le sekasekang melelwane ya dikgaolwana tsa makhanselara, Rre Mompoloki Motlhanang o supile fa kgaolo ya Kanye e abetswe ditilo tsa bokhanselara tse pedi tse disha; Kanye Botlhaba le Kanye Bophirima.
A re palo ya batho mo kgaolong ya Kanye ke 76 670, a tlatsa ka go re kgaolo e na le makhanselara a le 20, jalo ba tlaa oketsega go nna 22. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : PITSENG
Event : PHUTHEGO
Date : 15 May 2023