Molao o buisa bagolwane
15 May 2023
Tona wa Temo-Thuo Rre Fidelis Molao o kopile bagolwane ba maphata a a ka fa tlase ga lephata la gagwe go dira tiro ka bokgabane ka e le bone baemedi ba puso.
A re baeteledipele ba maphata ba tshwanetse go bereka diofisi tsa puso sentle mme e re fa puso e ntsha taelo kana molawana mongwe o o amang ditsamaiso ba bo ba tlhalosetsa setshaba.
O buile jaana kwa bokopanong jwa bagolwane ba maphata a Temo Thuo bosheng mo Palapye.
Rre Molao a re bagolwane ba maphata ba tshwanetse go bona gore melawana e e amang tse di neng di ntse di dirwa pele kana tse di tlaa dirwang ke setshaba mo go tsa temo-thuo, e a diragadiwa e bile go ka dirwa jang gore e atlege.
A re ga go a tshwanela gore fa setshaba se botsa ka sengwe go bo go arajwa ka mafoko a gore ‘ke goromente a reng go diriwe jaalo’ a tlatsa ka go re yo o teng a eme mo boemong jwa puso o tshwanetse a tlhalose sentle gore setshaba se tlhaloganye.
Tona Molao a re lephata la temo-thuo ke lephata la batho go feta tsotlhe ka bontsi bo ikaegile ka temo-thuo.
A re ka jalo badiri ba tshwanetse ba leke ka bojotlhe go dirisa temo-thuo gore e ntshe batlhoki mo lenaneong la puso la go fiwa dijo le go fokotsa batho ba Ipelegeng.
Rre Molao a re ba lephata la temo-thuo ke bone gape ba ka fetolang matshelo a batho fa ba ka tshwaragana ba bo ba kopanya didirisiwa tse ba nang le tsone.
O ne a ba rotloetsa go dirisanyana le go kopanela didirisiwa di tshwana le dikoloi.
A re tse ba di dirisang kwa mafelong a a farologaneng, ga go na nako e di tsileng go lekana, ka jalo tlhaelo eo ba tshwanetse ba bone gore ba e dira jang gore ba kgone go tsamaisa mananeo a lephata.
Rre Molao o ne a kopa badiri go nna le lenaneo le le itebagantseng le tse di dirwang le go ipaakanyetsa go tsibogela diemo.
O ne a fa sekai ka go re mo dinakong tse dingwe go kgonagala gore e re go tshwanetse go phakisiwe dipeo go bo go supiwa fa di santse di ile go rekwa.
A re seo se supa fa go a bo go se na lenaneo le le tsepameng.
O ne a ikuela mo badiring ba lephata la gagwe go bona gore tsotlhe di dirwe ka nako.
O ne a tsibosa bagolwane ba maphata a temo-thuo go gakologelwa fa e rile mo bosheng ba saena fa pele ga ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi go supa gore ba tlaa diragatsa maitlamo otlhe a maphata a ba a eteletseng pele.
A re se se raya gore mongwe le mongwe mo lephateng la gagwe go ya kwa go ba ba kwa tlase ka maemo ba tshwanetse go nna le seabe mo go rurifatseng gore lephata le dira sentle.
A re ga go a tshwanela gore go nne le maipato ape a gore ke eng maitlamo mangwe a sa dirwa.
Mothusa tona wa Temo-Thuo, Rre Molebatsi Molebatsi a re go botlhokwa thata go ithuta go dira mmogo mme fa go sa nne jalo ga go na go nna le maduo ape.
A re baeteledipele ba maphata ba tshwanetse go itebaganya le go fetola ka fa ba dirang ka teng. A re ba tlogele tsa bogologolo.
O ne a supa fa e rile mo nakong e e fetileng lephata la gagwe la seka la dira sentle mme o na le tsholofelo ya gore e tlaa re morago ga bokopano joo, go nne le diphetogo tse di tl a ba isang kwa pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : BOKOPANO
Date : 15 May 2023