Breaking News

Thapelo ke makgona tsotlhe

15 May 2023

Komiti ya bomme ba mapalamente e tshwaragane le dikereke, boeteledipele jwa Selebi Phikwe le morafe ba ne ba tshwere letsatsi la thapelo kwa toropong eo ka Laboraro go itebaganya le masula a kgokgontsho, dipolao le tiriso ya ditagi.

Se se tla morago ga gore lefatshe leno le itemogele dipalo tse di kwa godimo tsa kgokgontsho ya bana le bomme ga mmogo le ba ba dirisang ditagi.

 E rile a tlhalosa maikaelelo a tshimolodiso ya merapelo eo, mothusa tona wa Lephata la Papadi le Madirelo, Mme Beauty Manake yo e leng leloko la komiti ya bomme kwa palamenteng, a re mogopolo o o ne wa tla ka bomme ba mapalamente, maikaelelo magolo e le go itepatepanya le madubadube a a diragalang mo lefatsheng.

Mme Manake a re ka kemonokeng ya motsamaisa dipuisanyo tsa palamente, Rre Phandu Skelemani, mogopolo o o ne wa dumalanwa kgwedi e e fetileng mme ba bona go le botlhokwa go simolodisa merapelo mo Selebi Phikwe ka e ne ya re morago ga go tswalwa ga moepo wa BCL banni ba le bantsi ba latlhegelwa ke ditiro.

A re ka yone nako eo, batho ba le bantsi ba ne ba latlhegelwa ke matshelo, fa bangwe ba ne ba gatelelwa ke maikutlo a a bakileng dikgokgontsho mo malwapeng.

Mme Manake a re kgokgontsho ya basetsana le bomme e ne ya gola, a tlatsa ka go re se e ne e le kgatelelo ya botshelo mo bangwe ba neng ba iphitlhela ba le kwa dikgolegelong.

O tlhalositse fa mapodisi a leka go lwantsha seemo mme ba ka seke ba kgone kwa ntle ga thuso ya morafe.

A re ke maikarabelo a batsadi go bega seemo sengwe le sengwe se se ka tswang se belaetsa.

Mme Manake a re tiriso ya ditagi e tsere phekelo e sele mo di setseng di tsene le kwa dikoleng tse dipotlana.

O supile fa dikole tsa Selebi Phikwe e le tsone di tshegeditseng serodumo sa lefatshe fa go tla mo go tsa thuto mme a rotloetsa batsadi go ema ka dinao gore se se seka sa felela se tlhakatlhakanya bontle jwa thuto ya toropo e e tswang kgakala.

E rile a tswa la gagwe, modulatetilo kwa komiti ya bomme ba Mapalamente, Mme Nnaniki Makwinja a tlhalosa fa go le maleba go tshwaraganela go rapelela setshaba le boeteledipele jwa lefatshe gore ba kgone go tsaya ditshwetso tse di ka tlhabololang matshelo a Batswana.

A re Batswana ba tshwanetse go ikaega thata ka thapelo ka e le yone e ka ba gololang mo botlhokong jo bo apesitseng lefatshe.

Mme Makwinja a re ke nako ya gore bomme ba tshware thipa ka fa bogaleng, a tlhalosa fa mo nakong ya gompieno go sa tlhole go na le bomalome ka e le bone ba ba tsweletseng ka go dirisa bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo.

O ne a tlhalosa fa se e le tshimolodiso ya metseletsele ya merapelo e e tlaa tswelelang go ralala lefatshe leno.

Le fa go ntse jalo, mogolwane wa tsa botsogo mo Selebi Phikwe, Mme Omphile Bachopi o supile fa kgaolo ya Phikwe e setse e gatisitse dikgang tsa batho ba ba setseng ba amilwe ke tiriso ya diritibatsi, a tlhalosa fa e rile ka 2021 ba gatisa melato e le 18, ka 2022 e le 33, fa ka 2023 e nnile 74.

A re dipalo tse di supa fa diritibatsi di tsere phekelo e sele mme go tlhoka gore go tshwaraganwe go di lwantsha pele ga di tlhakatlhakanya lefatshe.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 15 May 2023