Tsela ya Modipane-Mabalane e tlaa tshelwa sekonotere
14 May 2023
Puso e abile madi a go dirwa ga tsela ya Modipane-Mabalane e banni ba Kgatleng Botlhaba ba sa bolong go e kopa.
Go dira jalo go lerile boitumelo jo bogolo mo banning ka go agwa ga tsela e go tlaa fefosa le go atumetsa ditirelo kwa go bone.
Mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Mmathubudukwane bosheng, Mopalamente wa Kgatleng Botlhaba, Rre Mabuse Pule o tlhaloseditse banni fa ditogamaano tsa setshaba di na le tsela e di dirwang ka yone e bile go elwa tlhoko gore madi a ditlhabololo a tsamaya fa kae mme sebe sa phiri e nna fa go ka tlhagoga dibetso tsa tlholego tse di ka bakang tiego ya tlhabololo.
Mopalamente a re bolwetse jwa COVID-19 bo ne jwa pateletsa puso go ema ka dinao go thusa Batswana mme dingwe tsa ditiro tsa puso tsa seegelwa fa thoko.
A re o dumela fa lenaneo la ditlhabololo tsa setshaba la nakwana le tlaa thusa ditlhabololo tse di neng di saletse morago le go oketsa ka tse dingwe.
Rre Pule o solofeditse banni ba Mmathubudukwane gore e tlaa re mo bogaufing, tiro ya tsela e gatisiwe phatlalatsa gore baikopedi ba tsenye dikopo.
O supile gape fa e tlaa re mo nakong e e sa fediseng pelo, ba gokelelwe motlakase wa mono gae ba tswa mo go wa Afrika Borwa ka lefatshe leo le na le tlhaelo ya motlakase mme seemo se ama Bakgatla bao.
A re lephata le le itebagantseng le motlakase le setse le simolotse tiro ya go tsenya dipale tsa motlakase go tswa kwa Mochudi, morago ga go wetsa dikago tsa mafaratlhatlha a motlakase kwa Diponching kwa Mochudi mme o solofela gore tiro eo e tlaa wela ka Phatwe.
Rre Pule o supile fa mo nakong e e fetileng mogolwane wa lephata le le itebagantseng le motlakase a kile a tla kwa motseng oo, go rurifaletsa morafe fa seo se tlaa direga mme tiego e ne ya bakwa ke letlhoko la madi.
A re le fa go ntse jalo, lephata leo le supile fa tiro e tlaa dirwa mme e fediwe mo nakong e e sa fediseng pelo, bogolo jang ka e bile ba setse ba segile tema.
Rre Pule o tlhalositse gape fa Mmathubudukwane a tlaa tshelwa sekonotere ditsela tsa sekgala sa 25km mo motseng mme a kopa banni gore fa tiro eo e tla, ba iteke lesego, a tlatsa ka go re tiro eo, e ya go dirwa e na le dipone tsa mo mekgwatheng.
Mopalamente o tsibositse morafe ka kago ya kokelo ya Deborah Retief Memorial se se tlaa agwang mo ngwageng wa madi wa 2024/25 kwa setsheng se se kwa Rasesa.
A rekokelo e e teng ga e sa tlhole e kgona go thusa morafe wa Kgatleng mme e ntsha e e tlaa agwang e tlaa nna ya maemo a a kwa godimo, e na le malao a le 200.
Rre Pule a re kokelo eo e ne ya seka ya agwa ka 2019 ka mabaka a tlhaelo ya madi mme e ne e ya go agwa ka P420 million yo a dumelang gore o ka tswa a oketsegile mo nakong ya gompieno.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Anthony Rasetshwane o ne a lebogela tirisano mmogo e badirelapuso ba motse oo ba nang nayo.
A re e thusa gore dikgang tsa motse wa bone di tsibogelwe ba bo ba bereke mmogo go araba dilelo tsa banni.
Rre Rasetshwane a re go dira jalo go thusa go tsisa ditirelo le ditlhabololo mo motseng ka nako. BOKUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MMATHUBUDUKWANE -
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 May 2023