Tiriso ya ditagi kwa Mmathubudukwane e a tshwenya
14 May 2023
Mookamela mapodisi a Mmathubudukwane, Supt Mmoloki Mogale a re tiriso ya ditagi mo bananeng ba motse oo e a tshwenya.
Fa a bega bosheng mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Kgatleng Botlhaba, Rre Mabuse Pule, Supt Mogale o kopile batsadi go thusa go lwantsha dikgang tsa tiriso ya nnotagi.
O lemotshitse batsadi fa e le bone ba nnang le bana sebaka se seleele mme ba tshwanetse ba itse gore ba tshela jang, gore ba ba dibele mo diphatseng.
Supt Mogale a re tshwaragano ya mapodisi le banni e ka thusa go fedisa thekiso ya ditagi tse di borai.
A re ba tshwenngwa ke bogodu jwa megala ya motlakase mo kgaolong, bogolo jang ka motlakase o tima kgapetsakgapetsa, jalo he o ofa magodu sebaka sa go senya ka go a bo go le lefifi.
Supt Mogale a re ba setse ba tshwere mongwe yo ba mo fitlhetseng a rwele megala ya motlakase go lebega a ya go e rekisa.
O kopile banni go ba loma tsebe ka dikgang tsa bogodu, bogolo jang ka go lemosegile fa magodu mangwe a lojwa.
A rematshwenyego a mangwe ke go utswiwa ga dipompo mo malwapeng le go thujwa ga matlo, bogolo jang a beng ba sa nneng mo go one.
O supile fa ba setse ba gatisetse dikgang di le lesome le boraro tsa go thujwa ga matlo beng ba seyo.
Supt Mogale a re ba tshwere batho ba le masome mane le boraro ba ba kgweetsang ba sena teseletso mme botlhe ba le dingwaga tse di fetang masome a mane.
Mopalamente Pule o gateletse bodiphatsa jwa tiriso ya ditagi, bogolo jang mo bananeng ka e le bone bokamoso jwa lefatshe leno.
“Re wetswe ke seru sa ditagi batsadi, bana ba rona, ba le babotlana ba inneetse mo ditaging,” Rre Pule a supa a bo a kopa batsadi go tshwaraganela kgang e le mapodisi.
A re ngwana mongwe wa motse oo, o ne a mmolelela fa motse wa bone o phosumela ntateng ya ditagi.
Rre Pule a re monana yo o ne a mo lemotsha ka fa bana ba inaakantseng ka teng le ditagi mme ba jwala peo mo go bomonnaabone.
A re go tswa kwa dikoleng tse dipotlana, bana ba goga metsoko, mongwe wa yone o bidiwa chelsea mme o rekisiwa pula o le mongwe.
Mopalamente a re mokgwa o, o a tshwenya mme banni ba Mmathubudukwane ba tshwanetse go bolotsa letsholo la go lwantsha ditagi mo motseng.
A re ba godile ba itse fa bana ba sa itise le bagolo mme gompieno banana ke bone ba laolang maitiso a dibara e bile ba nwa go fetisa bomogoloabone.
Rre Pule o kopile banni ba Mmathubudukwane le Batswana ka kakaretso go tla ka ditsela tsa go lwantsha kgang e, ka phelelo ya ditagi e se monate mme e bile bangwe ba felela ba latlhegelwa ke tlhaloganyo fa bangwe ba ya S’brana.
E rile go le pele, Kgosi Michael Balebetse a supa matshwenyego ka tiriso ya ditagi mo bananeng.
A re boitaolo bo bontsi mme seo se na le ditlamorago tse di sa siamang ka di kgona go senyetsa ngwana bokamoso, ka jalo a kopa tshwaragano ya batsadi le mapodisi, go laola seemo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Mmathudukwane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 May 2023