Breaking News

Ba tlaa tsaya ditirelo kwa Mmadinare

14 May 2023

Tshwetso ya puso ya go godisa khansele-potlana ya Bobirwa gore e ikemele ka nosi e thusitse banni ba Mmadinare ka go ba atumeletsa ditirelo tsa khansele.

Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse o boleletse banni ba Mmadinare mo phuthegong ya kgotla ka Labotlhano gore le ntswa puso e sena dikago tsa khansele kwa Mmadinare, ga go ree gore morafe o ka seka wa bona ditirelo tse o ntseng o di bona kwa khanseleng ya Bobirwa.

A re puso e tlaa tsaya tshwetso ya go tlhatlosa maemo bodiredi jwa khansele jo bo ntseng bo dira mo Mmadinare gore ba kgone go tsaya ditshwetso ka bofefo go thusa morafe. A re le fa go godisiwa ga motse go sa tla ka dikago ka puso e ne e sena madi.

A re puso e feletse e dirisa P63 million go tlhatlosa maemo bodiredi jwa dikhansele tse di lesome le bongwe tse di neng tsa godisiwa maemo, mme di na le dikago, ka jalo go tlhoka fela go okeletsa bodiredi dithata go ka tsaya ditshwetso.

Rre Autlwetse o tlhalositse gore go saletse puso go atumetse ditirelo tse di tlhokegang kwa Mmadinare.

Mo go tse dingwe, Rre Autlwetse o tlhalositse gore selelo sa ga Kgosi Maureen Mphoeng wa Mmadinare, sa gore dikgosi dingwe di sale di emetse go atswiwa ga se a itlhokomolosiwa, mathata ke tlhaelo ya madi.

A re metsana e e neng ya godisiwa go nna metse e ne e tlhoka gore e thapelwe dikgosi le bodiredi, ka jalo madi a a neng a le teng a ne a lekane go duela bodiredi joo, mme a solofetsa gore fa seemo se tokafala ba tlaa akanyediwa.

Le fa go ntse jalo, Tona Autlwetse o supile fa a tshwentswe ke dipalo tse di kwa godimo tsa dikgosi tse di runyang kwa Mmadinare, a re se se diga boleng jwa bogosi le go tlhakatlhakanya ditso tsa motse.

E rile a tsibogela tse di amang tlhaelo ya didirisiwa tsa lenaneo la Ipelegeng di tshwana le dipeke le dilepe, Rre Autlwetse a re puso ga e sa tlhole e na le madi, ka jalo dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di tshwanetse go itirela madi go ithekela dilo tsa go nna jalo.

A re puso go na le ka fa e thusang dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka teng, mme le tsone di tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go itirela madi e seng go leba fela kwa pusong.

E rile a tswa la gagwe, mopalamente wa Mmadinare Rre Molebatsi Molebatsi o supile boitumelo mabapi le diphetogo tse tona a tsileng ka tsone, a tlhalosa fa ditirela di tsile go fokoletsa banni mosepele le ditshenyegelo. 

Rre Molebatsi a re se ke kgatelopele e tona e e tserweng ke tona go latisa morafe ditlamelo go na le gore ba bo ba di latela kgakala. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : MMADINARE

Event : PHUTHEGO

Date : 14 May 2023