Breaking News

Puso e itlama go lwantsha tiriso ya ditagi

14 May 2023

Puso e itlamile go bona gore kagiso le thokgamo e lefatshe leno lle itsegeng ka yone ga e kgotlhelwe ke tiriso ya ditagi.

Ka jalo puso e boloditse letsholo la go lwantsha tiriso ya ditagi mo setshabeng, mme e bile le tsweletse ka go supa maduo.

Fa a simolodisa letsholo le, le maikaelelo a lone e leng go fedisa tiriso ya ditagi le go ruta batho ka bodiphatsa jwa go dirisa ditagi kwa Selebi Phikwe ka Labone, Tona wa Lephata la Itshireletso le Thokgamo Rre Kagiso Mmusi o tlhalositse gore puso e tshwenyegile ka tiriso ya ditagi e e ileng magoletsa mo e bileng bangwe ba dira melato ya titeo, go betelela, go bolaya batho le tse dingwe morago ga tiriso ya ditagi.

Letsholo le le eteletsweng pele ke lekalana le lesha la Drug Enforcement Agency (DEA) le le ka fa tlase ga lephata la Itshireletso le Thokgamo le maikaelelo a lone e leng go fedisa tiriso ya ditagi le go ruta batho ka bodiphatsa jwa go dirisa ditagi.

Banni ba Selebi Phikwe ba amogetse letsholo le ka tsoo pedi.

Tona Mmusi A re melato e e tshwentse Batswana ka kakaretso, a bolela fa mapodisi, masole le badiragatsa molao ba bangwe ba tlaa bereka mmogo go bona gore tiriso ya ditagi e ya tlase.

O ne a kopa banni ba Selebi Phikwe go ema makalana a nokeng.

Rre Mmusi o tlhalositse fa setshaba se itse batho ba ba dirisang ditagi ga mmogo le ba ba rekisang mme a ba rotloetsa go ema puso nokeng ka gore manokonoko a ditagi a babalela malwapa leetshaba.

O kopile setshaba, baeteledipele, dikereke le ba-na-le seabe ba bangwe go begela mapodisi le ba DEA dikgang tsa ditagi a ba a ba rotloetsa go bua ba sa kgale mathe ka ditagi a bo a kopa gore go kgalemelwe bana ka gore ditagi di ba senyetsa isago.

“A re bueng re ntshitse phega ka ditagi,” ga bua jalo Rre Mmusi.

A re o tshwentswe thata ke batsadi ba ba rekisetsang bana ba dikole ditagi mme a laela mapodisi go dira ditlhotlhomiso le go tsena mo dikoleng le mo marekisetsong a go belaesegang a rekisa ditagi.

A re ope yo o tlaa tshwarwang ka ditagi o tlaa gatelwa dikgato ka fa molaong gore a ye kgolegelong go rutwa go tshela sentle le ba bangwe.

Rre Mmusi a re ba DEA, mapodisi le masole ba tlaa lwa ka sepe se ba se kgonang go lwantsha ditagi mo lefatsheng leno.

O lebogetse kemonokeng ya ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi le mohumagadi wa gagwe, Mme Neo Masisi gore e be ba eme ka dinao go lwantsha ditagi.

Fa a tswa la gagwe, mookamela tsa botsogo mo kgaolong ya Selebi Phikwe bophara e e akaretsang le metse ya Mmadinare le Bobonong Dr Kesegofetse Chabaesele a re ditlamorago tsa ditagi di setse di itshupa ka dipalo tsa baletswe ba ba lwalang ntateng ya go ja ditagi di tsweletse ka go golela pele.

A re bontsi jwa batho ba ba amegileng ke makawana, mme a ba rotloetsa gore ba ba iseng ba itshupe kwa kokelong ba tle, a tlatsa ka go re kokelo e butse kokelwana ya banana e bodiredi jwa yone e leng banana go direlela gore banana ba kgone ba phuthologe.

A re ditagi di ka tlhakatlhakanya botshelo jwa motho, di bake malwetse kgotsa di bolaya badirisi ba tsone.

Rre Raymond Molebatsi o ne a fa bopaki jwa gore ditagi di na le ditlamorago tse di sa siamang, a tlhalosa fa e ne e le ngwana yo o botlhale fela thata kwa sekoleng mme o feletse a tlogela sekole makgetho a mabedi.

A re ditagi di a tura mme pheletsong motho yo o di jang o kgona go dira borukutlhi gore a kgone a bone madi a go di reka, a tlhalosa fa a setse a kile a leka go ipolaya mme ga retela.

Rre Molebatsi o rotloeditse banana ka ene go tswa mo ditaging ka gore di tlaa ba bakela malwetse le go ba bolaya kana di ba tsenya ka toronko.

A re ope motsadi yo o rekisetsang bana ditagi a tseelwe dikgato tse di gagametseng ka gore o senyetsa bana bokamoso.

Mo godimo ga se, o rotloeditse banana go fetola matshelo a bone ka go inaakanya le dikereke gore ba tswe mo ditirong tse di maswe.

Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Kgoberego Nkawana o kopile puso go nonotsha mapodisi le badiri ba tsa itshireletso gore ba kgone go dira ditlhotlhomiso ka botswapelo gore go seka ga nna bosupi bope jo bo tlhaelang.

A re go a tshwenya gore bangwe babelaelwa ba ba rekisang ditagi ba bo ba tsweletse ka go tlhokwa molato ka mabaka a bosupi jo bo tlhaelang.

O gateletse botlhokwa jwa go sireletsa batho ba ba tlaa lomang mapodisi tsebe, go tlhomamisa gore baikuedi ba a sirelediwa.

Rre Nkawana o kopile puso go aga lefelo le le tlaa thusang ba ba amilweng ke ditagi gore ba di tlogele, a re nako e tsile ya gore lefatshe leno le nne le mafelo a go nna jalo mo mafelong ka go farologana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego ya Tona

Date : 14 May 2023