Breaking News

Kgosi Segotsi otlaa tlogela tiro ka bogodi

11 May 2023

Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye o tlaa tlogela tiro ka bogodi mo bogaufing.

Se, se tlhalositswe ke mothusa kgosi wa GaMmangwato, Kgosi Serogola Seretse mo phuthegong ya kgotla e a neng a e biditse bosheng go rerisa morafe wa Mahalapye.

Kgosi Seretse o tlhaloseditse morafe gore morago ga ga Kgosi Segotsi go tlaabo go tsena yo a ntseng a mo tlhatlhama e  bong Kgosi Tshipe Tshipe.

A re ba tsere tshwetso ele marara aa amegang, mme botlhe ba dumalana.

O kaile Kgosi Tshipe a nonofile go ka tsaya setilo sa bogosi ka a na le bokgoni jwa go ka etelela morafe wa Mahalapye, a na le maikarabelo ebile  a tshephafala go ka tsamaisa ditiro tsa bogosi sentle.

Kgosi Kobamelo Maunatlala wa kgotlana ya Leretlwa kwa Mahalapye, o supile fa ba ne ba rerisiwa mme le bone ba mo atla, ba dumalana le ene ka le bone ba itse e le tshwanelo gore ba ka naya Kgosi Tshipe setilo.

A re ba bereka le kgosi Tshipe yo a mo kaileng a dira tiro ya bogosi ka botswapelo ebile a na le maitemogelo.

O supile fa kgosi Tshipe a fetile ka maemo otlhe go fitlha a goroga fa a leng teng mme go sena pelaelo ya gore o ka kgona go tsamaiso tiro e.

Mopalamente wa pele wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso a re ke tsamaiso gore fa go nna le phatlha mo ofising e thibiwe go santse go na le nako, go sa emelwe gore yo mongwe a tsamae pele.

A re thulaganyo e, e diragetse sentle, go lebane gore kgosi fa a tswa mo tirong e be go tsena yo o neng a mo tlhatlhama.

O tlhalositse fa kgosi Tshipe a ise a supe gore ke motho yo o tsayang letlhakore ka letsatsi lepe, o tsaya batho ka tekatekano.

O atlile mogopolo wa gore a bewe kgosi mme a mo kaya e le moeteledipele wa tlhotlhwa, yo o tlaa ba gogang sentle fela jaaka a ne a ntse a dira fa e le mothusa kgosi.

Mongwe wa banni, Rre Setaba Tibe e ne o supile fa Kgosi Tshipe a tshwanetse go nna le monnawe mme keletso ke gore a tlhophiwe mo magosaneng a a teng, go seka ga tsewa ope go tswa kwa ntle.

O lebogetse kgosi Segotsi go bo a gogile Mahalapye ka lobaka go sena selabe sepe, a rotloetsa gore fa sena go tlogela tiro a nne a lekola monnawe a mo fe dikgakololo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : MAHALAPYE

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 11 May 2023