Breaking News

Ba Serowe ba amogetse tshwetso

11 May 2023

Go fetolwa ga dikhansele potlana go nna tse di ikemetseng go amogetswe ka boitumelo ke banni ba Serowe.

E rile morago ga diphetogo tse, modulasetilo wa Serowe District Council, Rre Keneilwe Monageng a ipha matsapa go abelana le banni ba kgaolo, diphetogo tse di tlaa tlang le tshwetso e.

Phuthego ya gagwe ya ntlha ya nna kwa kgotleng kgolo ya Serowe ka Labobedi, kwa a boleletseng banni fa khansele e tlaa amogela seabe sa yone go tswa kwa pusong, ba sa tsutlaganye le dikgaolo potlana tse dingwe jaaka go ne go ntse pele.

“Go ya go nna bonolo go isa ditlhabololo segautshwane e bile re tsile go batla metswedi e mengwe go direla khansele ya rona letseno,” Rre Monageng a tlhalosa.

Are go ya pele, ba tsile go buisana le beng ba dikgwebo le morafe, go tlhabolola kgaolo ya Serowe.

Rre Monageng a re ga go sa tlhole go na le Central District Council (CDC) e e neng e le bophara.

Mokhanselera Monageng o boletse fa puso e bone go tshwanela gore dikgaolo potlana di ikemele, di itsamaise go na le go tseelwa ditshwetso kwa dikhansele tse di tona. Se a re se tlaa tlhofofatsa go isa ditlamelo kwa batlhophing, go seke go nne bokete jaaka pele makhanselara a CDC a ne a kopanela kwa Serowe ba tswa dikgaolong tse di kgakala jaaka Boteti le Tutume.

Monni wa Serowe, Rre Moshawa Mathiba o amogetse ka diatla tsoo pedi gore Serowe a iterele ka bonosi.

“Serowe o tlaa tlhabologa jaanong. Re tlaa dirisa madi re itibile re le nosi, re solofela fa ditsela tse di sa tsamaegeng le dikole tse di makgasa di tlaa bakanngwa ka ponyo ya leitlho,” Rre Mathiba a supa.

Rre Jacob Mmika le ene o buile ka makgasa a dikole a tlhalosa fa ditilo le ditafole tse di nniwang ke baithuti di sa lebege.

Leloko la komiti ya ditlhabolo tsa kgotla ya Tidimalo, Rre Samuel Nkoborwane o kopile khansele go rerisana le dikomiti tsa ditlhabololo fa ba dira ditogamaano tsa kgaolo.

Banni ba supile fa ba eletsa fa go ka fetolwa sekano sa khansele e ntsha ya Serowe, mogopolo o Rre Gaeelwe Kennekae a gakolotseng gore go akarediwe bana ba dikole mo go direng seo ka ba na le dikitso.

E ne erile go le pele, mothusa mokwaledi wa khansele ya Serowe, Rre Irvin Makati a supa botlhokwa jwa go bereka mmogo ka botswapelo gore khansele e nne ya maemo a a kwa godimo.

Rre Makati o boletse fa mo nakong eno ba santse ba dirisa melao mengwe, dikoloi le sekano tsa CDC mme a bolela fa ba le mo tseleng ya diphetogo. 

O boletse fa letsema le bolotse gore ba bope kgaolo mmogo ka morero go e isa kwa pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : PHUTHEGO

Date : 11 May 2023