Breaking News

Banni ba gapela mmelaelwa botshelo

11 May 2023

Mapodisi a Molepolole a tlhokiswa boroko ke dilalome tse di thubang matlo le marekisetso mo go tsweletseng ka go golela pele mo kgaolong ya bone.

Bogodu jo mo go jone go utswiwang dithoto, ga bo diragale bosigo fela mme mapodisi a amogela dipego tsa mofuta oo le mo motshegareng tota.

Mo potsolotsong Mookamela mapodisi a Molepolole Superintendent Benedict Matlho o ne a tlhalosa fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre wa dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi wa Ntloelengwae, a neng a gapelwa botshelo ke banni ba kgotla ya Goo-Ntsono morago ga go mo tshwara a rwele thelebishine e go neng go belaesega a e utsule.

Supt Matlho a re makuku a Moranang 28, banni ba kgotla ya Goo-Ntsono ba ne ba tshwara rre mongwe a leka go thuba mo lapeng lengwe mme ba mo gobatsa.

 A re banni ba ne ba alola mmelaelwa morago ga gore moagisanyi wa kwa go thubilweng teng a kue mokgosi, ya re go mo tshwareng ba mo gobatsa ka ba ne ba fitlhela a tshwere thelebishine e ba neng ba belaela fa a e utsule.

O tsweletse a re mo go lemogeng fa thelebishine e se ya lelwapa le le thubilweng ba ne ba leletsa mapodisi, ba e rileng go fitlha kwa lefelong leo ba lemoga fa mmelaelwa a sentse lebati le letlhabaphefo.

A re fa ditlhotlhomiso di ntse di tsweletse go ne ga supagala fa mmelaelwa a ne a se nosi mme bo mmata ba gagwe ba le boditse phokoje.

Supt Matlho a re ba mapodisi a mo tsaya go ba thusa mo ditlhotlhomisong, mme ka go lemoga fa  a nale dikgobalo tse di masisi ba mo ragosetsa kwa sepateleng sa Scottish Livingstone go tlhatlhobiwa ke ba bongaka.

A re ba bongaka ba lemoga fa mmelaelwa a nale dikgobalo mo tlhogong mme a fitisetswa kwa Marina kwa a neng a tlhokafalela teng.

Mo go tse dingwe a re bogodu jwa dihutshane bo tsere phekelo e sele kwa Gamodubu mme ka jalo a rotloetsa barui go tsenelela dikomiti tsa go lwantsha borukuthi jwa leruo.

Supt Matlho a re ka gotwe setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata, tshwaragano ya basepodise le morafe e ka thusa go fenya mamba o. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Keagetswe Motsumi

Location : Molepolole

Event : POTSOLOSO

Date : 11 May 2023