Tautona o isitse matshediso
11 May 2023
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o gomoditse ba lelwapa loora Moilwa, morago ga go tlhokafala ga ga Mme Tsholofelo Moilwa.
Mme Moilwa e ne ele motsadi wa ga Mme Goitsemang Morekisi yo eleng mokwaledi mogolo mo lephateng la Merero ya Ofisi ya ga Tautona.
E rile a ntsha lefoko la kgomotso, Tautona Dr Masisi a ba rotloetsa gore ba tshwaragane ka kagiso le molemo.
O ne a tlhalosa fa Mme Moilwa e ne ele leloko la popota la phathi ya Botswana Democratic Party (BDP).
Dr Masisi o ne a gomotsa mo boemong jwa puso le jwa BDP.
Tautona Masisi o boletse gore Mme Moilwa o nnile le seabe mo tlhabololong ya lefatshe leno.
Fa a amogela kgomotso, moemedi wa lelwapa Rre Boikanyo Moilwa o ne a lebogela Tautona le lekoko la gagwe go bo ba lekotse ba lelwapa la moswi.
Rre Moilwa o ne a re melaetsa ya puso le kgomotso di ne tsa ba fodisa, mme ba nna le tsholofelo le boitumelo.
Mme Moilwa o tlhokafetse kgwedi eno e tlhola gangwe, a le dingwaga di le masome a ferabobedi le boferabobedi. Mme Moilwa o boloketswe kwa Otse kgwedi eno e tlhola garataro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Matshediso
Date : 11 May 2023