Kgotla e tlaa tsholediwa maemo
10 May 2023
Kgotla ya motse wa Botalaote, kwa kgaolong ya Tati Bophirma, ke nngwe ya tse di tlaa tsholediwang maemo mo ngwageng ono wa madi.
Se se tlhalositswe ke mopalamente wa kgaolo, Rre Simon Moabi mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo, kgwedi eno e le malatsi matlhano.
Rre Moabi o boletse fa go tsholediwa moo go tlaa baka gore go nne le bodiredi bo tshwanang le mokwaledi, modiri yo o phuthang dikoloto, lepodisi le mophephafatsi mo kgotleng ya eo. Ka jalo, a re banni ba nne ba le malala a laotswe go tla ba amogela bodiredi joo.
A re go le gantsi tlhaelo ya boroko e nna kgwetlho e tona fa bodiredi jwa puso bo tshwanetse go tla mo motseng.
Ka moo o gakolotse banni go aga matlo a ba ka a hirisetsang badirelapuso, a re seo se ka ba sologela molemo ka ba tlaa bona lemmenyana le ba ka itshetsang ka lone.
Mabapi le selelo sa banni sa go supa fa ba lopiwa dituelo tse di kwa godimo tsa tiriso ya metsi, mopalamente o boletse fa dithulaganyo di tsweletse tsa gore batho ba simolole go ithekela metsi, fela jaaka go dirwa ka motlakase.
A re seo se tla fedisa selelo se Batswana sa gore ba lopiwa madimadi mo tirisong ya metsi.
Go sale foo, Rre Moabi o ne a supa botlhokwa jwa gore setshaba se nne se tlhoma leitlho ditiro tsa ditlhabololo tse di dirwang mo metseng ya bone go tlhomamisa gore di dirwa ka fa tshwanelong.
Ka jalo, o ne a gwetlha banni ba Botalaote go dira jalo mo kagong e e tsweletseng ya leobo la kgotla.
Banni ba ikuetse ka dilo di le mmalwa mme gareng ga tsone e le tiego ya go abelwa ditsha, tlhaelo ya melemo le dingaka mo dikokelong le gore ba fiwe mapodisi mo motseng go tsibogela dikgang tsa borukuthi.
Ba ne gape ba kopa go agelwa metshelakgabo mo tseleng e e tswang mo motseng wa bone e ya kwa Nswazwi, ba re bana bangwe ba tsena kwa sekoleng sa Nswazwi Brigades ba tswa Botalaote mme baa sokola fa dipula di na.
Le fa gontse jalo, ba ne ba supa fa ba itumelela go utlwa fa kgotla ya bone e tlaa godisiwa gammogo le kago ya leobo la kgotla, bare le tla fetlola tebego ya motse wa bone.
Mo tekodisong ya gagwe, mothusa modulaseti wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Joyce Tamusiya o boletse fa kokelwana ya bone e sena fa bana ba kalelwang teng, are seo se baya bana ka fa mosing bogolo jang mo pakeng ya mariga.
O bile a supa fa sekgwa se se kwa sekoleng se segolwane sa Pelaelo, kwa Makaleng, se baya matshelo a baithuti mo diphatseng tsa go ka longwa ke digagabi, a kopa gore go thapiwe badiri ba nakwana go rema sekgwa seo.
Mme Tamusiya o tsweletse a ngongoregela dikatso tsa VDC, tse a boletseng fa di le kwa tlase fela thata fa go lebeletswe bokete jwa tiro e ba e dirang mo metseng, ya go etelela pele tsamaiso ya ditlhabololo le go baya leitlho tsotlhe tse di diragalang mo metseng, go akarediwa le yone phiro ya Ipelegeng.
Ka jalo, are go thona gore dikatso tsa maloko a VDC di bo di le kwa tlase ga tsa Ipelegeng lentswa e le bone ba gokaganyang tsotlhe tse di lebaneng lenaneo leo.
Le fa gontse jalo o ne a lebogela lemmenyana le le sa tswang go latlhelwa mo dikatsong tsa Tandabala le Ipelegeng.
Mme Tamusiya are go ka nna botoka fa lemmenyana leo, le ka nna le latlhelwa ngwaga le ngwaga. Mo go la gagwe, Kgosi Makhuwa Hloma wa Botalaote o ne a supa boitumelo jwa go bo kgotlhang ya go lwela molelwane ga bone le motse wa Kalakamati e setse e rarabologile.
Leloko lengwe la lekgotla la kabo ditsha la Tati Rre Jiving Monyamane o ne a tshepisa ba Botalaote gore mo nakong e e sa fediseng pelo, ba tla tla go abela baikopedi ditsha, are o na le tshepo ya gore palo yotlhe ya 321, e e mo moleng e tlaa abelwa ditsha.
Modiri wa lephata la Botsogo kwa Bokone Botlhaba, Mme Tebogo Basaako o tlhalositse fa seemo sa tlhaelo ya melemo se tokafetse, a bo a supa fa mo bogautshwaneng kokelo ya Makaleng, e e tlamelang metse e e mabapi go balelwa wa Botalaote, e tla fiwa ngaka go oketsa e e leng teng. Mo go la gagwe, mothusa mookamela mapodisi a Masunga, Assistant Superintendent Vincent Tebogo o lebogetse boitshwaro jwa banni ba Botalaote, segolo jang banana go bo go sena botlhokatsebe jo bo kalokalo mo motseng wa bone.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : BOTALAOTE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 May 2023