Molale o rotloetsa badirelapuso go dira ka natla
10 May 2023
Mopalamente wa kgaolo ya Goodhope/Mabule Rre Eric Molale o rotloeditse badirelapuso ba kgaolo go dira ka natla.
O ntshitse thotloetso mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa Malokaganyane le Logagane bosheng.
O supile fa gole botlhokwa gore bodiredi bo itsose ka gore jaanong kgaolo eo e ikemetse, mme tsholofelo ke gore ba ise ditlamelo kwa setshabeng ka nako.
Rre Molale o gakolotse gore go botlhokwa gore setshaba le sone se dirisanye le bodiredi sentle, go itsa di kgotlhang tse ka nako dingwe di diyang go dirwa ga ditiro.
Are ga go tlhokafale gore dingongorego tse dingwe di emele gore atle go tshwara diphuthego, ka jaana ene a tshwere ka oo mabedi, a dira e le mopalamente gape e le tona, mme seo se dira gore nako tse dingwe a lekole kgaolo morago ga lobaka.
O kopile bogogi jwa kgaolo gore bo nne bo tsaya ditshwetso tse di maleba tse di tlaa solegelang kgaolo molemo, ka go le mo maruding a bone go netefatsa gore kgaolo e a tlhabologa.
Mo go tse dingwe, Rre Molale o supile fa ditsela di le mmalwa mo kgaolong ya Goodhope/Mabule di setse di bonetswe madi, mme tsholofelo e le gore di tlaa simolola go dirwa kgwedi ya Phatwe.
O supile fa ditsela tsa Goodhope-Gathwane le Borobadilepe-Mokatako e le dingwe tsa tse go solofelwang di tlaa simololwa monongwaga.
Ene e rile gole pele morafe wa ngongoregela seemo sa ditsela mo kgaolong gore ga dia siama, mme ba kopa gore di tshelwe sekontere.
Mopalamente Molale o supile fa ditsholofetso tsa puso ka bontsi di diragadiwa, a supa fa metsi, ditlhaeletsanyo le kgokelo ya motlakase e le dingwe tsa tse di bonalang gore tema e dule.
Are e re ka puso e dira dilo ka morero, ditirelo tse dingwe di tlaa tla morago ga nako, mme a re seo se seka sa ba kgoba marapo. BOIKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : LOGAGANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 May 2023