Breaking News

Tona Mzwinila o lekola tiro ya metsi

10 May 2023

Tona wa lefatshe le Ditirelo tsa Metsi Dr Kefentse Mzwinila o kopile dikhamphane tse di tlhomilweng go dira tlhabololo ya go atolosa metsi go tswa Palapye go ya Masama ya NSC 2.2 go fetsa tiro ka nako e e beilweng, go dirisa madi a a dumalanweng le boleng jo go dumalanweng ka jone.

O ne a bua se mo leetong la go lekola tiro ya go tsenya diphaephe tsa go atolosa metsi go tswa Palapye go ya Masama. 

Are tlhabololo eo ya go atolosa metsi go a isa kwa borwa jwa lefatshe leno ke ya sennelaruri e bile diphaephe tse di dirisiwang ke tsa botshelo jwa dingwaga tse masome a ferabobedi. 

Are dikhamphane tseo di tshwanetse di dire tiro eo ka botswerere gore lefatshe leno le nne motlotlo ka yone mo isagong. 

Are ntswa dikhamphane tseo di saletse kwa morago di tla a dira thulaganyo e e maleba ya gore di fetse ka nako.

Dr Mzwnila are go atolosa metsi mo lefatsheng leno ke ditlhabololo tse ditona fela thata tse di supang maikaelelo le maikemisetso a puso go netefatsa gore Batswana ba bona selekanyo sa metsi se se tsamaelanang le seriti sa bone le dithulaganyo tsa bone tsa gore ba tlhabolole matshelo a bone. 

Are gore Batswana ba tlhabolole ditsha tsa bone, go tlhokafala gore go bo go na le metsi a selekanyo le boleng jo bo rileng, a supa gape gore lefatshe leno le kabakanye itsholelo go tlhokafala selekanyo se se rileng sa metsi. 

Dr Mzwinila o ne a rotloetsa dikhamphane tseo gore ba rutuntshe Batswana mo ditirong tse di dirwang ke bone fela tse di tlhokang botsipa jo bo rileng, a supa fa mo nakong eno di ka bo di dirwa ke bana ba Batswana. 

Fa a lekodisa ka ditlhabololo tsa katoloso metsi e e bitswang NSC 2.2, Dr Mzwinila are tiro eo e dirisa madi a a fetang P5.2 billion. Are e simolotse mo ngwageng o o fetileng ka kgwedi ya Phalane mme e tla wela ka Phukwi ngwaga o o tlang. 

Are tlhabololo ya NSC 2.2 e ya go fetisa metsi a selekanyo sa 60 million litres ka letsatsi mme ditlhabololo tse dingwe tsa metsi di emetse gore e wele. O tlhalositse fa e rile ka 1991 fa go agiwa moalo wa ntlha wa diphaephe wa NSC 1 puso ya nna le ditogamaano tsa gore go yeng pele ga go kake ya ikaegiwa ka moalo wa diphaephe o le mongwe mme mo isagong go tshwanetse go agiwe moalo wa bobedi gore fa wa ntlha o ka senyega go bo go na le o o ka dirisiwang. 

Ka jalo are seo se ne se dirwa go lebilwe gape gore selekanyo sa metsi se se yang go tlhokiwa kwa borwa jwa lefatshe leno se ya go oketsega. 

Ka jalo are ka mabaka a a farologaneng go ne ga seka ga kgonagala go dira katoloso ya metsi ya bobedi NSC 2 mme puso ya tsena mo ditogamaanong tse di farologaneng go bona gore letlhoko la metsi le ka fokotswa jang kwa borwa jwa lefatshe leno. 

Dr Mzwinila are e rile ka 2018 Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a ntsha taelo ya gore ditlhabololo tsotlhe tse di saletseng kwa morago tsa katoloso ya metsi di dirwe mo nakong e khutshwane mme ga dirwa ditlhabololo tse di farologaneng tse mo nakong eno tse dingwe di feditsweng mme tse dingwe di tsweletse. 

Tona are go ne ga simololwa ka madirelo a a pompang metsi a 4.1 mme go tla a dirwa a 4.2 a bapile le one. 

Are moalo wa metsi wa NSC 2.2 o ya go thusa felago fokotsa  letlhoko la metsi kwa borwa jwa lefatshe leno. 

O tlhalositse fa ditlhabololo tse dingwe tse di ntseng di dirwa jaaka Lobatse Water Master Plan, Good Hope Water Master Plan, le Kanye North South Carrier e e amang metse ya Thamaga, Moshupa le Kanye le tlhabololo ya Gamononyane le Molepolole le tlhabololo ya NSC 3 le ya Gaborone Masterplan le tse dingwe di tlhoka gore metsi a gorogele kwa Mmamashia. 

Tona Mzwinila o ne a lekodisiwa fa tiro ya go tsenya moalo wa phaephe e tla a fetswa ka nako e e beilweng le fa mo nakong eno e le mo go 25%. 

O tlhaloseditswe fa tiro e ne ya kgoreletswa ke go tlhoka motlhaba o o siamemng. Mopalamente wa Mahalapye Bophirima Rre David Tshere o ne a lebogela Dr Mzwinila go tla go lekola ditlhabololo tsa metsi .

Are seo se a itumedisa ka go nnile le tlhaloso ya gore mo nakong eno go tsamaya jang e bile tsholofelo ke gore go fetswe leng. 

Rre Tshere are ditlhabololo tsa katoloso ya metsi tse di tsweletseng e bile di feta kwa kgaolong ya Mahalapye di rotloetsa ditlhabololo kwa kgaolong ya gagwe. 

Are ditlhabololo tse di nnile le seabe mo go dirweng ga lebala la ditshupo kwa kgaolong ya Mahalapye ke dikhamphane e e neng e dira madirelo a a phepafatsang metsi. 

O ne a akgola dikhamphane eo go bo e dirisa semente se se dirwang mo gae le go leboga go bo e tsweletse e thapa babereki ba kgaolo tsa Mahalapye ba ka tshwara 336. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Palapye

Event : Loeto

Date : 10 May 2023