Ba Boseja Bokone ba batla matlhophelo a oketswa
09 May 2023
Banni ba kgaolwana ya botlhophi ya Boseja Bokone ba kopile go okeletswa mafelo a go tlhophelwang kwa go one.
Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke komiti e e tlhomilweng go kgaoganya dikgaolwana tsa bokhanselara mo Kgatleng.
Banni ba ngongoregilre ka mosuke, go tsamaya sekgala se seleele go ya go tlhopha. Ba kopile gore matlhophelo a a itsegeng ka leina la kwa ga Ntobo, a a ntseng a sa dire ka lebaka le le leele, a busediwe mo tirisong go fokotsa mosuke mo matlhophelong a mangwe ka nako ya ditlhopho. Ba ne gape ba kopa gore a a ntseng a dirisiwa a seka a fetolwa ka gope.
Banni ba ne gape ka kopa gore dikago tsa setshaba di tshwana le dikgotla di dirisiwe jaaka matlhophelo gore fa pula e na batho ba be sireletsegile.
Ba kopile gape gore batho ba ba nnang kwa masimong le meraka ba beelwe matlhophelo kwa ba leng teng go itsa gore ba tlhophele mo gae ntswa ba sa ikwadisetsa go tlhophela teng.
Banni ba kopile gape gore leina la kgaolwana ya bone ya bokhanselara le seka la fetolwa ka le bopaganya morafe wa bone, ba kaya fa ba sa tlhoke mokhanselara wa bobedi ka kgaolo e na le dipalo tse dinnye go ya ka palo batho ya bosheng.
Ba supile gore kgaolo ya Boseja South ke yone e ka tlhokang mokhanselara wa bobedi ka e le bophara e bile e na le palo ya batho ba le bantsi.
Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa Boseja Bokone, Rre Godfrey Modise o ne a farologana le banni a re maina a dikgaolwana tsa botlhophi ga a na bokao, a tlatsa fa di-tsa tlholego di tshwana le mogobe wa Ntlhopheng, noka ya Notwane gammogo le Mopipi wa Magatlapa a ka dirisiwa go bitsa kgaolwana.
O ne a supa fa a eletsa gore Boseja Bokone a bidiwe Magatlapa, e le leina la Mopipi o o tshwereng ngwao ya batho ba kgotlana eo.
E ne e rile go le pele, molaodi wa Kgatleng, e bile e le modulasetilo wa komiti eo, Mme Kolobetso Sejakgomo a bolela fa ba romilwe go tsaya megopolo gore batho ba kgotla eo ba eletsa diphetogo di fe, fa kae mo kgaolwaneng ya bone ya botlhophi.
Mme Sejakgomo a re fa kgaoganyo e dirwa go lebelelwa palo ya batho, katologano ya metsana gammogo le sebopego sa kgaolo. O ne a ba gokolola gore ba berekela mo palong ya 4 670 ya banni, e eleng seelo se se beilweng fa go aroganngwa kgaolo. A re tse dingwe tse di sekasekwang ke ngwao ya morafe oo, ditsela le ditlamelo di tshwana le ditlhaeletsanyo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Pelonomi Gare
Location : Mochudi
Event : Kgotla meeting
Date : 09 May 2023