Breaking News

Mmaphula Legare o tla agelwa sekolo se se botlana

09 May 2023

Banni ba kgaolo ya Mmaphula Legare batla agelwa sekole sese botlana le tsela ya sekontere mo ngwageng ono wa madi.

Se se builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Palapye Rre Onneetse Ramogapi mo phuthegong ya kgotla kwa Extension 5 ka Labobedi.

Mopalamente Ramogapi o ne a araba selelo sa banni sa letlhoko la tsela le bokgakala jwa dikole mo go felelang go tsenya matshelo a bana mo kotsing. 

A re kago ya sekole e diilwe ke gore mo kabong ya dithendara go ne ga nna le mongwe yo ipelaetsang, a tlatsa ka gore go santse go emetswe madi go simolodisa go tshelwa ga tsela.

Fa a itebaganya le kgang ya borukuthi jo boileng magoletsa mo kgaolong ya Palapye ka bophara, Rre Mogapi o rotloeditse banni go tshwaragana go bo lwatsha. Rre Ramogapi o kgadile thata batsadi ba ba rekisetsang bana ditagi are ba senyetsa bana matshelo le bokamoso. Mogolwane wa thuto mo Palapye Mme Didimalang Memo are ba tshwentswe ke kgang e batsadi bangwe ba itlhokomolosang tlhokomelo ya bana.

 Mme Memo are bana ba bangwe ba tlogela sekole go sena kgato epe e batsadi ba e tsayang. 

O rotloeditse batsadi go  sala morago thuto ya bana go fitlhelela ba fetsa sekole.

Fa a leboga, Mokhanselara wa kgaolo Mme Allen Ntshekisang are kgaolo ya gagwe e na le letlhoko le lentsi la ditsela, bokgakala jwa dikole le dikgwa.

Mme Ntshekisang o rotloeditse banni go emela borukhuthi ka dinao jo areng bo tsere phekelo e sele. 

A re ba latela ditlamelo tsa botsogo kgakala kwa sepateleng sese tona bosigo ka kokelo ee gaufi le bone e bereka motshegare fela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Palapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 May 2023