Breaking News

Ditlou di tlhorontsha banni

09 May 2023

Banni ba Mbalambi, Sekakangwe le Kalakamati kwa Tati Bophirima ba apesitswe kobo ka letshoba ke ditlou tse go tlhalosiwang di thibeletse mo tikologong eo ka dipalo tse di kwa godimo.

Fa ba akgela mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke mopalamente Rre Simon Moabi ka Laboraro, banni ba boletse fa ba ikaegile ka temo mme monongwaga ba tla tswa kwa masimong ba itshophere.

Ka jalo ba ne ba kopa ba lephata la diphologolo go dira sengwe go leka go alolela ditlou tseo kwa di tswang teng ba re go lebega di tla di tswa kwa Zimbabwe.  

Banni ba tsweletse ba supa fa e le lantlha mo ditsong ba bona tikologo ya bone e na le segopa se se kalo sa ditlou.

Ba Mbalambi le Kalakamati ba boletse fa seemo seo sa go saila ga ditlou se tlhoka gore go potlakelwe go agiwa ga matlo a boroko jwa baithuti kwa sekolong se segolwane sa Maejane kwa Sekakangwe.

Ba re bana ba metse eo, ba rwala masigo ka tlhogo ba ya sekoleng, ka jalo ditlou tseo di ka nna diphatsa mo matshelong a bone.

Ba Mbalambi ba tlhalositse fa ba arametse mogote o o feteletseng wa go tlhorontshiwa ke ditlou tseo, ka motse wa bone o le dikhilomethara di se kae go tswa kwa molelwaneng wa lefatshe leno le la Zimbabwe.

 Go ne ga tlhalosiwa fa bosheng go bonwe di ka tshwara masome a mane mo tikologong ya Mbalambi.

 Banni ba metse eo, ba ne ba supa bodiredi jwa lephata la diphologolo ka monwana, ba re bo diega go tsiboga fa ba begelwa ka ditlou le tshenyo ya tsone, mo bosupi bo felelang bo latlhega. Ba ngongoregile gape ka phimolo dikeledi, e ba reng e kwa tlase mme e bile e a diega.Kwa Kalakamati, bangwe ba ne ba supa fa botshwene le dikgabo di iphile maatla mo masimong a bone.

Mothusa mookamedi wa lephata la diphologolo, Rre Matshelo Makondo o ne a kopa maitshwarelo mo banning tebang le tiego ya go tsibogela dipego tsa bone, a kaya fa tlhaelo ya babereki le didirisiwa e le sengwe se se bakang tiego eo.

Le fa gontse jalo, o ne a ba tshepisa fa mo malatsing a a sa fediseng pelo ba tla itemogela koketsego ya bodiredi jo bo thibeletseng koo, mme e bile ba tla ba ipapanne ka tsotlhe tse di tla thusang go alola ditlou.

Rre Makondo are ba tla dirisa  helicopter, go leka go bona metsamao yotlhe ya tsone. 

O bile a gakolola banni go sekaseka go agelela masimo a bone ka terata ya motlakase ka lenaneo la Conservation Trust Fund (CTF).

E ne e rile go le pele, Mopalamente Moabi a itsese banni fa le ene a sa jesiwe diwelang ke tshenyo e e bakwang ke ditlou, are ke ka moo e neng ya re a begelwa ka seo, a ipha matsapa a go dikologa  masimo a tikologo eo go bona tshenyo eo.

Rre Moabi are morago ga foo o ne a rwala ditlhako go ya go lebisa tona wa Lephata la Tikologo, Tshomarelo di tsa Tlholego le Bojanala ka seemo seo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MBALAMBI

Event : Kgotla meeting

Date : 09 May 2023