Breaking News

Tshwaragano e botlhokwa go lwantsha bogodu

08 May 2023

Barui ba gakolotswe go tshwaragana le ba sepodisi go lwantsha bogodu jwa leruo.

 Se se builwe ke mookamela mapodisi a Molepolole, Superintendent Benedict Matlho mo potsolosong le BOPA bosheng.

  O gateletse botlhokwa jwa dikomiti tsa ntebele ke go lebele kwa merakeng go thusa mo letsholong la go lwantsha bogodu jwa leruo mo kgaolong ya Kweneng.

Are ba leka ka bojotlhe go tshwara diphuthego le barui e le tsela ya go gasa molaetsa wa gore ntebele ke go lebele ga se ya ko motseng fela mme le mo merakeng e ka bereka.

O tsweletse are tshwaragano e, e tla thusa mo go fokotseng bogodu jwa leruo ka ebile malatsi ano dilalome di tsile ka metlhale e mengwe ya go tsena mo masakeng ba bolaya dikgomo ba bo ba rwala nama.

Supt Matlho are ba lemogile fa beng ba dikgomo ba sa etele meraka kgapetsa kgapetsa, ka jalo ba sa itse dikgomo tsa bone, mme di itsiwe ke badisa. 

O kaile  fa bongwe borukutlhi bo dirwa ke badisa. 

O ne gape a rotloetsa barui go neela badisa dituelo tsa bone ka nako go itsa gore banne le megopolo ya go ituela.

Supt Matlho are o itumelela gore barui bangwe ba tshwaragane le ba sepodisi mo go lwantsheng borukutlhi jwa leruo le ntswa bangwe ba santse ba tshwenya ka go tsholola dikgang tsa mofuta oo, selo se a reng se rotloetsang borukutlhi.

“Dingwe tsa dikgang tse di setse di le fa pele ga makgotla tshekelo mme di tshwanetswe tsa tsewa tsia ka kgomo ele yone khumo ya lefatshe leno,” ga bua Supt Matlho.

Mo go tse dingwe Supt Matlho are ba tlhotlhomisa kgang e mo go yone monna wa dingwaga tse 48 yo o tlholegang kwa Letlhakeng a neng a leka go ikgapela botshelo morago ga gore a bolae mme yo o dingwaga tse 22.

A re tiragalo eo e diragetse ka Laboraro mo maphakeleng a kgwedi eno kwa masimong Moshaweng.

Are mmelaelwa o santse a tshegeditswe ke ba sepodisi kwa sepateleng sa Scottish Livinstone ka a na le dikgobalo tse di masisi tse go lebegang di bakilwe ke go leka go ikgapela botshelo.

Supt Matlho are tiragalo e, e bonwe ke rre mongwe yo berekang mo Ipelegeng, fa a ne a ya tirong, mme a utlwa selelo sa ngwana mo sekgweng a bo a fapogela teng.  A re mo go latediseng selelo, rre yo a fitlhela ngwana yo dikgwedi tse di fa gare ga botlhano le bosupa a itshwareletse ka mmaagwe yo neng a apesitswe ke madi, a le dikgobalo tse di masisi mme e bile a lebega a sa tlhole a le mo botshelong.

Supt Matlho are mapodise a Moshaweng a ne ba biletswa tiragalo eo mme fa ba dikologa mo lefelong la tiragalo ba fitlhela rre yoo a rapaletse mme a lebega a santse a le mo botshelong, a na le dikgobalo tse di masisi tse di supang fa ane a leka go itseela botshelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keagetswe Motsumi

Location : Molepolole

Event : Interview

Date : 08 May 2023