Breaking News

Ba Lerala Maunatlala ba lela ka borukutlhi

08 May 2023

Banni ba kgaolo ya Lerala/Maunatlala ba lela ka borukutlhi  segobogolo bogodu jwa leruo.

Banni ba buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse dineng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo Rre Sethabelo Modukanele e bile ele mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae bosheng. 

 Banni bare bogodu jwa leruo bo tsere phekelo e sele mo bo tla ba tlogelang ba iphotlhere.

Bare ba itemogetse fa bogodu jo bo dirwa ke banana ba ba sa tseneng dikole. 

Banni bare batsadi bangwe ba  nna moriti o tsididi fela ba bona bana ba bone ba tshotse dithoto tsa bogodu. 

Fa a ntsha la gagwe, Rre Modukanele are selelo se sa borukutlhi se gongwe le gongwe, are se tlhoka go emelwa ka dinao.

Are borukutlhi jo bo dirwa ke bana ba mo gae gape bangwe  ba batsadi ba reka dilo tsa bogodu . Are seemo sa borukutlhi  se batla mongwe le mongwe a nna lepodisi ka go bega borukutlhi fa a bona bo dirwa.

 Mopalamente are lephata la Itshireletso le okeleditswe dipalo tsa mapodisi go itepatepanya le seemo sa borukutlhi mo lefatsheng leno. 

Are lephata leo le tsere tshwetso ya go simolodisa lekalana la bogodu jwa leruo. 

Mogolwane wa mapodisi a Martins drift Superintendent Moses Morolong are barui ga ba robale mo merakeng mme ba tlhatlhela leruo ba bo ba tsamaya. 

Supt Morolong are go dira jalo go kotsi ka magodu a lebelela metsamao ya batho. 

O kgadile  batsadi ba ba bipang bana ba bone ba dirukutlhi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Palapye

Event : Kgotla meeting

Date : 08 May 2023