Tona o lekodisa ba GaMalete ka ditirelo
08 May 2023
Mopalamente wa Ramotswa, Rre Lefoko Moagi a re maphata le dikhansele di abetswe madi a a tlaa thusang mo ditirelong tse di saletseng kwa morago.
Rre Moagi o buile se mo diphuthegong tsa kgotla bosheng tse maikaelelo a tsone e neng e le go lekodisa morafe le go akantshana ka melao e e fwtisitsweng ke palamente, dikgang tsa metsi, thuto, ditiro, seemo sa melemo, tsa itshireletso, ditlhabololo le go utlwa dingongora tsa banni ba kgaolo ya Gamalete ka bophara.
Mopalamente, yo o neng a patilwe ke baemedi ba maphata, o supile fa puso e tsibogetse melao e e ntseng e tshwenya batho thata e akaretsa wa Transfer Duty.
O boleletse banni ka lekgetho la VAT a kaya fa molao wa lone o sekasekilwe go fokotsa manokonoko go lebilwe ka fa itsholelo e tsamayang ka teng.
Melao o mongwe oo neng wa sekasekiwa ke o o itebagantseng le ba ba kileng ba bereka sesole gore goromente a eme ka dinao go thusa ka ditlamelo dipe tse ba katswang ba ditlhoka.
O boletse fa melao e e satswa go tsena mo tirisong kgwedi eno a tlhola gararo, ka jalo a rotloetsa maphata ka go farologana go e tsharabolola gore batho ba kgone go o e tlhaloganya botoka.
Mo go tsa letlhoko la metsi mo kgaolong, Tona o ne a supa fa mo didibeng di ferabongwe tsa GaMalete go bereka di le tlhano.
O ne a tlatsa ka gore ditanka tsa phepafatso metsi tsa Boatle le Lobatse tse di nosang kgaolo di santse di baakangwa, mme a netefatsa fa mo nako e e sa fediseng pelo lenyora la banni ba kgaolo le tlaa timoga ka jaana tanka e tona kwa polaseng ya Kgale ya selekanyo sa 90 mega litres e le gaufi le go fela.
O buile fa tanka ya polase Kgale Farms e tlaa nosa banni ba Seuwane, Otse segolo bogolo banni ba metse e e kwa godimonyana jaaka Otse North, Moeding, Mogobane, a tlatsa ka gore go na le tanka e e agilweng go nosa banni ba Mogobane ya selekanyo sa 100 cm3.
O ne a rotloetsa ba lephata la metsi go somarela thothi e ba nang le yone ba simolola fela ka go baakanya diphaephe tse di dutlang mo motseng. O boletse fa go dutla go senya metsi a selekanyo sa 40 per cent e e ka bong e nosa banni ba motse.
Mo go tsa thuto, Rre Moagi o boletse fa batsadi ba tshwanetse go tshwaragela thuto ya bana le barutabana go tokafatsa maduo.
Fa a lekodisa banni ka tlhaelo ya melemo, tona o boletse fa tiego go dira melemo e mengwe e ne ya bakiwa ke go itebaganya le go dira ya go lwantsha bolwetsi jwa COVID-19, mme se sa baka tlhaelo ya melemo ya malwetsi a mangwe.
A re mo maitekong a go baakanya seemo sa tsa Botsogo, Tautona Mokgweetsi Masisi o tsweletse ka go dira botsalano le mafatshe a mangwe le bao ba ka thusang ka melemo yotlhe e e tlhokafalang.
O boletse fa seemo se ntse se tokafala ka jaana go na le baitseanape ba ba dirang melemo ebile melemo e mengwe e setse e le teng.
Mo go tse dingwe, Rre Moagi o netefaditse fa dikgang tsa borukutlhi di le dintsi mo kgaolong ya GaMalete ebile go babalelwa thata banni ba metse e bapileng le melolwane jaaka banni ba Sakutswane.
O supile fa mogolwane wa sepodisi a ne a tsenya di kopo di le mmalwa mme tse tharo di ne tsa atlega.
Are ba sepodisi ba tlaa neelwa dikoloi, diofisi gore ba kgone go dira tiro.
O ne a tswelela a tlhalosa fa kopo ya go tlhokomela toropo (city policing) e tlaa simololang kwa Gaborone mme e tlaa re morago e simolodisiwe mo metseng e mengwe le ya GaMalete, kgang kgolo e le go fokoletsa ba sepodisi morwalo wa go lwantsha dikgang tsa borukutlhi le go sa obameleng melao ya tsela.
Tona o ne a rotloetsa banni go nna le mowa wa tirisanyo mmogo mo go lwantsheng kgang tsa borukutlhi ka go inaakanya le mekgatlho ya ntebele ke go lebele.
O boletse fa puso e tlaa aga ofisi ya mapodisi le matlo a boroko kwa Otse mo nakong e e sa fediseng pelo.
Tona o ne a supa gape fa ba itemogetse fa babereki ba sa duelwe sentle le ka nako mme seo se tumile thata mo ba dikhamphaneng tsa itshireletso le tsa bophepafatsi.
Ka jalo o ne a kgothatsa bahiri go duela babereki ka nako go hema dikgang tsa borukutlhi ka ba ka feletsa ba tsere tsone dithoto tse ba berekang ka tsone go di rekisa gore ba kgone ba ituela, selo se a supileng fa se busetsa mananeo kwa morago.
Tona o ne a tswalela a solofetsa banni gore o tlaa sekaseka le go isa dingongora kwa go ba ba lebaneng go ba tswa thuso.
Banni ba ne ba supa fa ba lela thata ka letlhoko la metsi, tlhaelo ya ditlamelo le ditirelo tsa botsogo, letlhoko la ditsela, tiego ya dituelo tsa babereki ba dikhampane tsa itshireletso le bophepafatsi, borukutlhi bo akaretsa le jwa leruo, ga reng ga tse dingwe.
Mo go la gagwe, Kgosi Omphitlhetse Mhapi wa Otse a re le ntswa ba lemoga maiteko a puso morago ga segajaja sa COVID-19, diphetogo tse di leng teng di tsena fela mo seatleng ka go santse go na le ditirelo tse di saletseng kwa morago.
O ne gape a kopa gore tekodiso ka mananeo a ba a solofeditsweng e dirwe kgapetsakgapetsa go itsa ketsaetsego le go ngongorega ga morafe.
A re go tshwantse ga nna le ka fa dilo di dirwang ka teng, puisano magareng ga puso le morafe, dilo tse a kaileng fa di le botlhokwa.
O ne a kgothatsa tona go isa dingongora tsa banni kwa go ba ba lebaneng le gone go fefogela go isa ditlamelo kwa motseng wa Otse le kgaolo ka bophara. BOKUTLO
Source : BOPA
Author : Itumeleng Naane
Location : Ramotswa
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 May 2023