Breaking News

Mapodisi a tshwenngwa ke go ikgapela botshelo

07 May 2023

Mapodisi a Tsabong a tshwenngwa ke dikgang tsa go ikgapele botshelo mo motseng oo, tse ba setseng ba gatisitse di le tlhano mo ngwageng ono.  

Go fitlha mo kgweding eno ba gatisitse dikgetse tsa bomme ba le babedi le borre ba le bararo  tse  bontsi jwa tsone bo diragetseng mo kgweding ya Moranang.

Mookamela mapodisi a Tsabong Supurintendent Christopher Tlhapi-David o boletse mo puisanong bosheng fa ba sa jesiwe di welang ke dikgang tse.

A re mme wa dingwaga tse di masome a marataro le borataro o ne a ikgapela botshelo kwa motseng oo kgwedi ee fetileng  e le masome a mararo mme ya re kgwedi eno e tlhola malatsi a mararo rre wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe le ene a ikgapela botshelo.

O ne a tlhalosa fa ba setse ba gatisitse di polao di le tharo  mme ngwaga oo fetileng di ne di le pedi.

Supt Tlhapi- David  o boletse fa bomme bangwe ba le babedi  ba motse wa Mc Cathy’s Rust ka go tlhoka kutlwisisano ba lwa, mme ba baka leso la ngwana.

A re tse pedi di ama monna mongwe yo o bakileng dipolao tse pedi. Rre Tlhapi o supile fa monna yo o a santse a tshegeditswe mo kgolegelong mme botlhe ba setse ba itshupile fa pele ga lekgotla la ga Mmakaseterata fa ditlhotlhomiso di tsweletse.

O ne a supa fa bontsi jwa batho ba ba amegang mo dikgannyeng tsa go ikgapela botshelo e le banana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di masome a mane selo se a boletseng fa se felela se tlogela ba masika ka kutlobotlhoko le bohutsana ka jaana bangwe ba tlogela bana ba ba tlhokang tlhokomelo.

O boletse fa mapodisi ba tshwenngwa gape ke dikgang tsa kgokgontso ee bakwang gantsi ke borre mo go bomme.

O ne a kopa banana le setshaba ka kakaretso go ikuela mo go ba ba lebaneng ba akaretsa mapodisi, ba bogosi, baruti, ba boipelego,batsadi, le ditsala fa ba na le dikgang tse di ba tshwentseng go bona thuso ya tshidilo maikutlo go itsa go tsaya ditshwetso tse di seng maleba. ENDS

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Interview

Date : 07 May 2023