Breaking News

Tsela ya Kalakamati-Zwenshabe e tla dirwa

07 May 2023

Madi a monongwaga a ditlhabololo tsa kgaolo a tlaa dirisiwa go baakanya tsela ya Kalakamati-Zwenshabe.

Se se builwe ke Mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Simon Moabi mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Mbalambi, Sekakangwe le Kalakamati bosheng. 

Rre Moabi o tlhalositse fa tshwetso eo e tserwe go tsibogela selelo se se tswang goo-lowe ka seemo sa tsela eo.

Tsela ya Kalakamati-Zwenshabe ke nngwe ya tse di sa itumediseng badirisi ba ditsela tsa kgaolo eo.

Banni ba metse e e ralalwang ke tsela eo, ba tswa kgakala ba kopa gore e baakanngwe ka e le mo seemong se se sa itumedisang, gape e le yone e e lomaganyang metse ya bone.

Rre Moabi o boletse fa tsela eo e ise e akarediwe mo lenaneong lepe la ditogamaano tsa ditlhabololo, a re ka jalo o bona go le botoka gore P10 million wa kgaolo eo a dirisiwe go ala ditena mo go yone.

A re ntswa madi ao a sa lekana, a ka kgona go dira dikhilomethara di se kae go tswa fa sekontere se felelang teng kwa Kalakamati.

O ne a tlatsa ka gore seo ga se thibele gore e ka akarediwa mo lenaneong la ditogamaano tsa ditlhabololo go tsweledisiwa fa e tla bong e eme teng.

A re go leka go fokotsa ditshenyegelo dingwe, go tlaa kopiwa kemonokeng ya khansele ya Bokone Botlhaba, go akarediwa le go thusa ka didirisiwa dingwe. 

Banni ba Mbalambi, Sekakangwe le Kalakamati ba ne ba ntsha maikutlo a a farologaneng mabapi le tshwetso eo, bangwe ba supa fa ba dumalana le yone fa bangwe ba ne ba ngosela, ba kaya fa madi ao a ka seke a dira sekgele se se kalo, ka a le mannye.

Mabapi le matshwenyego a banni ka borukutlhi, Rre Moabi o ne a kopa batsadi go bua le bana kgatlhanong le go inaakanya le ditiro tsa botlhokatsebe.

A re go le gantsi go supiwa batswakwa ka menwana mo borukutlhing, mme bana ba motse le bone ba na le mokgwa wa go tshwaraganela bosinyi joo le batswakwa.

Rre Moabi o ne a gwetlha banni go tsosolosa mananeo a tshwana la ntebele ke go lebele go lwantsha borukuthi mo tikologong ya bone.

Banni ba metse eo ba ne ba ikuetse ka go gola ga borukutlhi jwa go thujwa ga matlo le go utswiwa ga dikoloi mo kgaolong ya bone, ba tlatsa ka go kopa dikoloi tsa sepodisi gore mapodisi ba kgone go tsibogela dikgang tseo ka bonako .

Ba ne ba kopa gore botona ba maphata a temo thuo le la tikologo le bojanala ba ba etele go utlwa matshwenyego a bone, a a amang maphata a bone.

Ba ne ba kopa ditlamelo le ditlhabololo mo metseng ya bone. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba lebogela dingwe tse di diragaditsweng le tse di tsweletseng ka go dirwa mo metseng ya bone.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mbalambi, Rre Jones Dubani a re tema ya go goroga ga ditlhabololo e e bonala le ntswa e le gone lefatshe le fatlhogang mo manokonokong a COVID-19.

Modulasetilo wa VDC ya Sekakangwe, Rre Shepard Mogapi o ne a kopa gore ditsela tse di yang kwa masimong le tsone di tsibogelwe. 

Rre Mogapi a re e re ka temo thuo e le yone seikokotlelo sa bone, go botlhokwa gore ba thusiwe ka sepe fela se se ka thusang go e tlhabolola jaaka kgwediso ka seatla le bodiredi jo bo lebaganeng mehama eo. ENDS

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MBALAMBI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 07 May 2023