Breaking News

Dijo tsa setso di ka thusa go oka bajanala

07 May 2023

Dijo tsa setso di botlhokwa ka di na le seabe mo botsogong, mo go rotloetseng ngwao le gone go godisa itsholelo.

Dijo tse, di na le dikotla tse di ka sireletsang mmele mo makoeng a mantsi a a sa kgonweng ke dijo tsa sekgoa ka bontsi, mme ebile motho a ka di lema go ja le go rekisa. Bontsi jwa dijo tse di rekwa  ka ditlhwatlhwa tse bontsi bo ka kgonang go di reka.    

Mothusa kgosi kwa kgotleng ya Broadhurst Rre Boikanyo Semaano o buile se kwa moletlong wa Letlhafula mo Gaborone, o ba Lephata la Dipagamo setshaba le Pereko ba o rulaganyang ngwaga le ngwaga.

Rre Semaanao a re moletlo o, o botlhokwa ka o supa go sa iponeng tsapa ga bodirela puso go rotloetsa ngwao sa Setswana. 

A re dijo tsa setso di siametse botsogo ka di na le metswako le menontshane ya tlholego ka go faraologana.

Mothusa kgosi a re boleng le tlatso ya dijo tse e ratwa thata ke baeti go tswa mafatsheng a sele, ka di ba natefelela ebile bangwe ba tsaya dingwe tsa tsone go ya go di lema le go dira melemo.

“Menontshane ya dijo tsa Setswana ga e kake ya tshwantshanngwa le menontshane ya segompieno ka jaana ya dijo tsa setso e jewa fela jaaka e ntse, e sa kgotlelwa ka sepe sa sekgoa go e oketsa boleng,” go bua jalo Rre Semaano.”

 O ne a tswelela a re dijo tsa Setswana ga di a tshwanela go nyelela ka di ka ngoka le bone bajanala tota, selo se se ka direlang  lefatshe madi. 

Meletlo ya mofuta o, e e akaratsang wa Letlhafula le Son of the Soil, e tumile thata, ebile e ngoka Batswana le batho ba mafatshe a sele, ba kgatlhwa ke dijo, dino le bodiragatsi jwa mo gae. 

“Fa e ne e se ka letlhoko la madi, re kabo re tshwara moletlo o gabedi mo ngwageng,” Rre semaano a bua. 

Dr Mary Mabotho-Mupedziswa yo e neng e le molalediwa wa tlotla, a tswa lekalaneng la botsogo le le dirang ka tlhokomelo ya motho go balelwa, botsogo le go itekanela ka kakaretso, a re go botlhokwa gore Batswana ba nne tsebe ntlha le go dira ka natla go itsise merafe e mengwe ka setso sa bone. 

A re go ipelela letlhafula ke go ipela ka tlholego ee siametseng mebele.

“Dijo dingwe tse e seng tsa setso, di tsisitse botlhole mo mmeleng wa motho ka jaana o ka fitlhela bangwe ba leka go bona go re ba ka boelang jang kwa dijong tsa setso ka kakaretso,”go bua jalo Dr Mabotho-Mupedziswa.

O tsweletse a re go botlhokwa go re Batswana ba leme dijo tsa setso ka bongwe ka bongwe.

“Madi o ne a re a dirisang go reka tse di botlhole, re ka a dirisa go lema. Fa re dira jalo re fokotsa madi a go reka melemo kgapetsakgapetsa le go ne go boloka nako e re e dirisang go ema mo mebileng kwa dipateleng,” go bolelala jalo Dr Mabotho-Mupedziswa.

A re go na le Batswana bangwe ba ba tshegeditseng setso, selo se a tlhalositseng fa se lebosega ntswa go tlhokafala gore go dirwe go feta foo. 

A re dijo tsa tlholego tsa se Aferika ke tsone dijo ka di na le menontshane ee sa amangwang le sepe.

Moemedi wa lephata la dipagamo Rre Bulayani Josiah a re ba bone go le botlhokwa go bua ka puo e le nngwe le Batswana ba bangwe ba ba rulaganyang meletlo ee tlotlomatsang setso jaaka Son of The Soil le e mengwe go papamatsa botlhokwa jwa go tshegetsa ngwao ya Setswana.A re ba dumela fa moletlo o, oo simologileng ka ngwaga wa 2019 o tlaa tswelela o gasa efangele le go rotloetsa Batswana go ipela ka se ba nang le sone, eseng go eletsa dingwao tsa mafatshe a mangwe. ENDS

Source : BOPA

Author : Idah Basimane

Location : Gaborone

Event : Moletlo wa letlhafula

Date : 07 May 2023