Ba kopilwe go amogela diphetogo
04 May 2023
Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Kgatleng Bophirima ba kopilwe go amogela diphetogo tse di tlaa amang metsana ya bone fa go aroganngwa kgaolo ya boraro.
Se se builwe kwa phuthegong ya kgotla ke molaodi wa Kgatleng, Mme Kolobetso Sejakgomo yo eleng modulasetilo wa khuduthamaga e e tsamaisang lekoko le le tlhomilweng go kgaoganya dikgaolwana tsa bokhanselara mo Kgatleng.
Go ya ka tshekatsheko ya kgaoganyo ya melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente, kgaolo ya Kgatleng Bophirima e akanyediwa go bidiwa Kgatleng bogare fa tsotlhe di setse di weditswe.
Ka jalo, Mme Sejakgomo o ne a tlhalosa fa jaanong dikgaolwana tsa bokhanselara di tlaa okediwa go tsweng kwa go masome a mabedi le boraro go ya kwa go masome a mabedi le borataro.
O gakolotse banni gore fa ba tsisa ditshutiso tsa bone ba itse gore metsana mengwe e ka feletsa e tswa kgotsa e tsena mo go e mengwe.
O tsweletse a re palo batho tsa bosheng di supa fa kgaolwana e dirwa ke batho ba le 4 670 ka jalo e nne lengwe la mabaka a banni ba le lebelelang fa ba baya pele komiti megopolo.
“Re ka fitlhela seelo sa 4 670 se le kwa godimo kgotsa se le kwa tlase fa le setse le kgaoganya dikgaolwana tsa lona tsa botlhophi tsa bokhanselara, mme ka mabaka aa faphegileng a a tswang mo komiting ka thuso ya lona, tiro e ka nna motlhofo bagaetsho,” ga bua jalo Mme Sejakgomo.
O ne a re nngwe ya mabaka a a dirang gore dikgaolwana tsa botlhophi tsa bokhanselara di okediwe kgotsa di fokodiwe ke dikeletso tsa morafe wa kgaolo eo le go atumalana ga morafe le dithaba ka jalo banni ba nne mo seemong sa go amogela phetogo epe e e tlaa tsiswang ke karoganyo e. Fa a tswa la gagwe Rre Isaiah Lekgoko go tswa kwa ofising ya kabo ditsha o ne a supa fa go le botlhokwa go tsaya karolo mo kgaoganyong e ya dikgaolwana tsa botlhophi. A re se, se ka tlhofofatsa phatlalatso ya ditlhabololo ka tekatekano ebile se ka nolofatsa tiro ya makhanselara.
Leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Kgatleng bogare Mme Tshwanelo Setoutwe o ne a supa fa a eletsa gore kgaolwana ya bogare e okeletswe makhanselara ka e na le palo e ntsi ya batho.
A re ba itumeletse maina a Kgatleng Botlhaba, Kgatleng Bophirima le Kgatleng Bogare, mme a tswelela a re fa ba ka neelwa kgaolwana e nngwe ya botlhophi ya bokhanselara go ka nna motlhofo gore ditlamelo di seka tsa sokamela ntlha e le nngwe.
Rre Kitso Mechidi o ne a kopa gore go okediwe mafelo a matlhophelo go itsa go tsamaya mesepele e meleele ka nako ya ditlhopho.
A re o eletsa gore matlhophelo a nne kwa Mmadipamo, Ithuteng transport, Mmadipinose le St Paul.
Mothusa kgosikgolo wa Bakgatla Kgosi Bana Sekai o rotloeditse Bakgatla go tsenelela diphuthego tse dingwe tse di tlaa buisiwang ke ba lekgola la IEC mo Kgatleng.
O tsweletse a re ba ka isa megopolo ya bone kwa ofising ya ditlhopho go supa gore ba eletsa gore kgaolwana tsa bone di bidiwe jang le gore di lebege jang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Pako Modise
Location : Mochudi
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 04 May 2023