Breaking News

Tshireletsego ya setshaba e botlhokwa

04 May 2023

Tshireletsego ya setshaba e botlhokwa go itsa seemo se batho ba iphitlhelang ba tshelela mo poifong ka ntata ya borukhuthi.

 Mopalamente wa Gabane/Mmankgodi Rre Kagiso Mmusi, yo gape e leng Tona wa Itshireletso, o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Mmankgodi ka Laboraro.

O tlhalositse fa puso e ne ya tsaya tshwetso ya go oketsa mapodisi ka palo ya sekete ka ngwaga wa 2022 ka ba itemogetse fa borukhuthi jwa malatsi ano bo le matswakabele.

Re Mmusi o ne a tlatsa gape ka gore mo ngwageng ono ba filwe palo e nngwe gape ya sekete gore ba oketse dipalo tsa mapodisi mo metseng gore setshaba se nne mo tshireletsegong.

Tona wa Itshireletso a re e re ka bogodu jwa leruo bo tsere phekelo e sele, puso e tsere tshwetso ya go isa mapodisi dithutong tsa bogodu jwa leruo mme se, se tlaa latelwa ke go simolodisiwa semmuso ga lekalana la bogodu jwa leruo.

A re seo se tlaa thusa gore dikgang tsotlhe tsa bogodu jwa leruo di dirwe ka matsetseleko le bonako jo bo tlhokafalang.

Mopalamente o boletse fa Mmankgodi a tlaa agelwa diofisi tsa mapodisi le matlo a supa, a lemotsha banni fa motse wa bone o nnile sego fela thata ka jaana go ya go agiwa diofisi tsa mofuta oo di ka nna masome mabedi le boferabobedi lefatshe ka bophara.

Rre Mmusi o tlhalositse fa tsela ya Mmankgodi-Tloaneng-Gabane le yone e tlaa tshelwa sekonotere mme seo se tlaa thusa go fefosa mesepele le gone go tshwaraganya kgaolo ya bone.

Rre Mmusi a re ntswa ba kgonne dilo dingwe mo motseng le kgaolo ya bone, go na le tse di saletseng kwa morago jaaka go dirwa ga ditsela mme ebile di tlaa dirwa go sena tiro ya metsi a kgopho ya leswe.

E rile go le pele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Kaelo Nkau a ngongoregela tlhaelo ya metsi mo motseng wa bone mme a kopa lephata la metsi go rarabolola seemo seo.

A re mokgatho wa Thusanyo Lefatsheng o o kileng wa bo o dira sentle o phutlhame mme a kopa gore ba itsesiwe ka se se ka tswang se bakile seo.

Rre Nkau a re ba na le didiba tse di ka thusang go nosa motse wa bone mme go ka dirwa dithulaganyo go bona gore di ka dirisiwa jang.

Modulasetilo a re borukhuthi mo motseng bo ile magoletsa, bogolo jang magodu a a utswang ka dikgoka.

Kgosi Solofelang Thobega wa Mmankgodi a re o tshwenyegile thata ka go sa tshwaraganeng ga morafe, a supa fa popagano ya setshaba e le yone ledula le le isang kagisong e bile e tsisa ditlhabololo mo motseng.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Gaborone

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 May 2023