Breaking News

Banni ba lela ka lefifi le tiego ya ditlhabololo

04 May 2023

Banni ba kgaolwana ya Taung mo Gaborone ga ba itumedisiwe ke seemo sa lefifi ga mmogo le tiego ya ditlhabololo mo kgaolwaneng ya bone.

Banni ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Gaborone Bonnington North e bile e akaretsa kgaolwana ya bone Mme Annah Mokgethi kwa Taung ka Labobedi.

Fa a rolela mopalamente pego ya Komiti ya Ditlhabololo tsa kgaolwana ya Taung, modulasetilo wa komiti Rre Benedict Bogosi o supile fa banni ba tshelela mo lefifing mo e bileng go ba baya mo diphatseng tsa borukutlhi bogolo jang ka paka ya mariga.

“Re na le dingwaga di ka nna tharo re ntse re kopa gore re thusiwe ka dipone mme nako kgolo ke eno. Gatwe go baakantswe mafaratlhatlha a ntseng a senyegile e bile a kgoreletsa dipone tsa mo mekgwatheng go tshuba, mme go ntse go lefifi,” ga bua Rre Bogosi.

Rre Bogosi o supile fa banni ba sa itumelele tshenyo ee bakiwang ke metsi a pula mo ditseleng le mo dijarateng tsa bone, ditsela tse di senyegileng le go tlhoka go tsewa ga matlakala ka nako.

Mo go tse dingwe, Rre Bogosi o supile ngongorego gape ka seemo sa leswe le le bakiwang ke matlakala a latlhelwang ke bangwe kwa morago ga seporo, mo Taung. A re seemo sa teng se dule mo taolong ka matlakala a teng a tsweletse ka go oketsega.

Mogokgo wa sekole se se botlana sa Taung Rre Phillimon Mashiakgomo o supile fa dikago tsa sekole di se mo seemong se se sa kgatlhiseng e bile di tlhoka go potlakelwa go ntshafadiwa. A re mangwe a matlwana a borutelo a setse a wa borulelo mo go bayang baithuti le barutabana mo diphatseng. Mo godimo ga moo, Rre Mashiakgomo a re sekole sa gagwe se lebanwe ke tlhaelo e ntsi ya boroko jwa barutabana.

Fa a tsibogela dingogorego tse, Mme Mokgethi, yo gape e leng Tona wa Lephata la Tsapereko le Selegae, o kopile badiri ba khansele ya Gaborone gore, le ntswa khansele e lebanwe ke tlhaelo ya madi, ba  dire ka natla go tsibogela dingwe tsa dikgwetlho tse banni ba kgaolwana ya Taung ba lelang ka tsone.

Mogolwane wa tsa ditsela kwa khanseleng ya Gaborone, Rre Gaborone Phiri o tlhaloseditse banni fa khansele e simolodisitse tiro ya go tsenya dipone tsa mo mekgwatheng le go baakanya ditsela bogolo jang ka go kaba dikhuti mo ditseleng.

A re ba tlaa itebaganya le go fefosa go tsaya matlakala ka nako gammogo le tshenyo e bakiwang ke seemo sa kgopo ya metsi a pula.

Mogolwane wa tsa dikago kwa khanseleng ya Gaborone, Rre Ditiro Mpowe le ene o tshepisitse mopalamente le banni gore le ntswa khansele e lebanwe ke tlhaelo ya madi a go ntshafatsa dikole, ba tlaa dira ka natla go leka go fefosa go baakanya sepe fela se se tlhokang go tsibogelwa ka potlako mo sekoleng sa Taung. Bokhulo

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : GABORONE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 04 May 2023