Ba Mmadinare ba itumelela ditlhabololo
04 May 2023
Banni ba Mmadinare ba supile boitumelo mabapi le ditlhabololo tse di tla diriwang mo motseng wa bone.
Se se tla morago ga tekodiso ka bagolwane ba maphata a puso kwa phuthegong ya kgotla ka Laboraro jaaka ba ne ba tlhalosa fa dingwe tsa ditlhabololo tse di setse di simologile fa tse dingwe di le mo legatong la bofelo go ka simololwa.
Phuthgo eo ya kgotla ke nngwe ya tse di buisiwang ke mopalamente wa kgaolo Rre Molebatsi Molebatsi, e bile e le mothusa tona wa Temo Thuo.
Rre Kagiso Bishop wa khansele ya Bobirwa o tlhalositse fa go dirwa ga sekgele sa 25km sa ditsela tse di fa gare ga motse go tlaa simolola mo nakong e e seng kgakala.
Rre Bishop a re go dirwa ga ditsela tsa fa gare ga motse go akaretsa 25km ya mealo ya kgopo ya metsi a a leswe, dipone tsa mo mekgwatheng tse di dirisang marang a letsatsi. A re tse tsotlhe di dirwa ka lenaneo la Transitional National Development Plan.
Rre Bishop o supile fa e tlaa re mo bo gaufing ba kopanele dipuisano le ba ba tlaa bong ba amiwa ke ditlhabololo.
O tsweletse a tlhalosa fa metshelakgabo e e yang kwa mabitleng e setse e fedile mme e bile e wetse ka nako le ka madi a a neng a dumalanwe. A re legato la ntlha la lefelo la dipalamo tsa setshaba le tlaa wela kgwedi ya Motsheganong.
A re lebala la metshameko le lone le tsere nako e telele gore le bo le weditswe a supa fa dingwe tse di bakileng tiego e le tlhaelo ya di dirisiwa. A re tsholofeloa ke gore mo bogaufing legato la bobedi la go tsenya mabala le bo le simologa ka madi a setse a le teng.
O ne a solofetsa fa e tlaa re bokhutlong jwa ngwaga tiro e bo e weditswe,
Mogolwane wa ditsela go tswa kwa khanseleng ya Bobirwa Rre Leina Tapologo o tlhalositse fa go dirwa ga tsela ya Mmadinare-Robelela go akaretsa go dirwa ga tsela ya Serule-Damuchojenaa e e dikhilomethara tse thataro le bontlha bongwe ja tsela ya Selebi Phikwe-Mmadinare.
Rre Tapologo are tsela ya Serule-Selebi Phikwe e tlaa tsenngwa matshwao.
Le fa go ntse jalo Rre Molebatsi o ne a tsibosa banni ba Mmadinare fa go le mo maruding a bone go bona gore ba dirisa ditlhabololo tse puso e di ba tlisetsang go tokafatsa matshelo a bone.
O rotloeditse banana go dirisa mananeo a puso go itlhabololola segolobogolo a a amang temo thuo.
O tlhalositse fa ba le lesego gore motse wa bone o dikaganyeditswe ke matamo a ba ka dirisang mo temong le go rua. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : MMADINARE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 04 May 2023