Breaking News

Tona o abela ba-na-le bogole

04 May 2023

Go mo maruding a ba-na-le seabe ka go farologana go thusa go tokafatsa matshelo a ba ba tlhokang thuso mo setshabeng.

Modiri wa lephata la botsogo go tswa kwa go ba Serowe/Palapye District Health Management Team (DHMT) Mme Ruth Olebetse o buile se kwa kabong ya dikolotsana tsa ba-na-le bogole e e neng e tshwerwe ke tona wa Dikgaolo le Tokafatso Magae Rre Kgotla Autlwetse kwa Serowe ka Labobedi.

Mme Olebetse a re maiteko a ba-na-le seabe a sega tema e kgolo mo go imololeng ba ba tlhokang go tshegediwa ka tsela epe fela manokonoko a botshelo.

A re mpho eo ya dikolotsana tse Rre Autlwetse a di abetseng banni ba le babedi ba dikgotla tsa Maatso le Ditlharapa e thusitse thata ka jaana Serowe/Palapye DHMT e ne e ise e kgone go thusa bobedi joo.

E ne e rile go le pele fa a tlhalosa ka kabo ya dikolotsana seo, tona o ne a tlhalosa fa seo e le bontlha bongwe jwa maiteko a gagwe a go isa malebo kwa bathong ba kgaolo ya botlhophi ya Serowe Bokone go bo ba ne ba mo tlhopha ka dipalo tse di kwa godimo ka ditlhopho tsa setshaba tsa 2014.

Rre Autlwetse o lebogile kgaolo gape ka go abela dikole tsa yone tse dipotlana paka e e feletseng ya sekole, a bolela fa gape a ne a otlolola letsogo ka go abela le tsa kwa Palapye.

Mo go reng a bo a tlhophile Rre Motlatsi Polelo le Rre Tefo Kebobone go nna bone ba amogelang dimpho tseo, tse di neng di akaretsa le kobo mo go mongwe le mongwe wa bone, tona o supile fa gantsi fa go dirwa sepe fela ba-na-le bogole ba lebalwa, seemo se a kaileng fa se tshwanetse sa fetolwa gore le bone ba ipone ba le karolo e e tletseng ya setshaba.

Fa ba amogela dimpho mo boemong jwa ga Rre Polelo le Rre Kebobone ba ba neng ba seyo ka ntlha ya botsogo, batlhokomedi ba bone ba ne ba iteela Rre Autlwetse legofi ka thuso e a e ntshitseng.

Mo boemong jwa ga Rre Kebobone, Rre Lesope Kebobone a re kolotsana e tlaa ba thusa e le ba lelwapa go tlhokomela mongwe ka bone, fa Rre Keitire Basupi yo a neng a emetse Rre Polelo a supile fa dimpho tseo di file balwetsi bao seriti ka ba tlaa kgona go itsamaisa gongwe le gongwe kwa ba tlaa bong ba eletsa go ya teng jaaka kwa ditirong di tshwana le manyalo.

Baemedi bao ba ne gape ba rotloetsa tona go tswelela a aba fa a bona go nale letlhoko gope fela, ba supa fa seo se tlaa ngokela masego le matlhogonolo a Modimo mo botshelong jwa gagwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : SEROWE

Event : Kabo Dimpho

Date : 04 May 2023