Mopalamente o tlhalosa lekgetho
03 May 2023
Mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Bokone, Mme Talita Monnakgotla o gwetlhile baji-bareki go nna podi matseba ka tlhwatlhwa ya lekgetho la dithoto.
O buile seo, bosheng jaaka a ne a buisa diphuthego tsa kgotla mo metseng ya Hukuntsi le Lokgwabe.
Mme Monnakgotla o tlhaloseditse morafe fa mo pegong ya kgaoganyo ya madi a setshaba, tona wa lephata la madi, Mme Peggy Serame, a tlhalositse fa lekgetho le buseditswe kwa go 14 per cent go tswa kwa go 12 per cent.
A re koketsego eo, e e dirilweng bosheng, ga e akaretse dithoto di tshwana le boupi jwa borotho, mahura, letswai, mashi a bana, mesangwana ya bomme, maungo le merogo.
Ka jalo, o ne a gakolola banni go ela seo tlhoko fa ba le kwa marekisetsong gore ga ba se jewe ntsoma.
E ntse e le mo go tsa kgaoganyo ya madi, o ne a ba itsise fa lephata la thuto le tlhabololo dikitso, le bone seabe se segolwane.
A re ba na le tsholofelo ya gore seabe seo, se tlaa thusa go rarabolola dikgwetlho, di tshwana le tlhaelo ya didirisiwa.
Le fa go le jalo, o ne a iteela barutabana ba kgaolo legofi, a re ba dirile go tlala ka diatla mo maduong a ngwaga o fetileng.
A re ba ntshitse maduo a nametsang le ntswa kgaolo e le nngwe ya tse di kgakala le ditlamelo mme e bile e ntse e apesitswe kobo ka letshoba ke maduo a sa itumediseng.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Merapelo Tshweneyagae wa Hukuntsi, o ne a kopa mopalamente go tsibogela dikago tse di dikgologolo.
A re dikago tseo di leswafatsa selebego sa motse mme a kopa gore di baakangwe go fokotsa letlhoko la diofisi.
O ne a kopa gape gore fa go dirwa ditogamaano tsa ditlhabololo tsa kgaolo go sekasekwe ditsela tse di tshwaraganyang metse ya Hukuntsi, Tsabong le Ghanzi go thusa go atolosa ditlamelo mo dikgaolong tseo.
Kgosana Kerakile Leshope wa Lokgwabe, o ne a ngongoregela tiego ya go tlisa morutabana wa teme ya Senama le ntswa puso e rebotse gore bana ba rutwe ka diteme tsa bone.
Fa ba kgwa mopalamente dikgaba, banni ba ne ba lela ka ditirelo tse disa itumediseng kwa posong le kwa kokelwaeng e potlana ya Hukuntsi.
Mme One Kolobe, o ne a supa fa bagodi ba tsaya nako e telele mo moleng wa dikamogelo kwa posong mme ebile ba kgona go boela kwa malwapeng ba iphotlhere. Rre Bajadi Masake ene o ne a ngongorega gore balwetsi ga ba fiwe thuso e itumedisang kwa sepateleng.
Mogolwane go tswa kwa sepateleng se se botlana sa Hukuntsi, Mme Gagoope Tselaesele, o ne a rotloetsa morafe go bega matshwenyego a bone fa ba sa ituemelela thuso ya ba booki.
Mme Leloba Pheko go tswa kwa ofising ya bagodi o ne a supa fa a tlaa itshwaraganya le ba ofisi ya poso go batla maano a go hema gore bagodi ba seka ba nna mo meleng lobaka lo lo telele.
Monni wa Lokgwabe, Rre tshireletso Molemele, o ne a supa matshwenyego ka tiego ya ba ofisi ya diphologolo, are ba maoto a tshupa go tsibogela dikgang tsa barui fa ba jetswe ke dibatana. A re tiego eo, e baka gore bosupi bo felele bo nyeletse.
Mme Dorah Modukanele o ne a ngongoregela tiriso ya nnotagi e a reng e ile magoletsa mo bananeng ba motse.
Mo go tse dingwe, banni ba metse eo, ba ne ba lela ka bogodu jwa leruo, go kgaolwa ga batlhoki mo mophakong, tiego ya kgokelo ya metsi go tswa kwa Ncojane le madi a phimolo dikeledi a a kwa tlase fa morui a jetswe ke dibatana.
Mo mafokong a gagwe a malebo, Mokhanselara wa Hukuntsi Bophirima, Rre Kerapetse Jane,o ne a kopa morafe go ba ema nokeng go fitlhelela maitlamo a puso morago ga gore kgaolo e tlhatlosiwe go nna e ikemetseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mercy Molatole
Location : Hukuntsi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 May 2023