Nnang seopo sengwe go lwela ditshwanelo
03 May 2023
Molwela ditshwanelo tsa setho Rre Lopang Raloki o rotloeditse makgotla a babereki go dira a le seopo sengwe go lwela ditshwanelo tsa babereki le go nonotsha kemedi ya bone.
A re le fa makgotla a babereki a farologanye, go botlhokwa gore ba gakologelwe maikano ka jalo ba eme ka dinao go lwela ditshwanelo tsa babereki ba sa iphitlhe ka monwana le gone ba sa tshabe go lebagana le mohiri.
Rre Raloki o buile jalo ka letsatsi la babereki kwa Serowe ka Mosupologo, a tlatsa ka gore babereki ba na le tshwanelo ya go bopa makgotla go lwela ditshwanelo tsa bone.
Rre Raloki o tsweletse a re mabaka a tiro le dituelo tsa babereki di tlhoka go seka-sekwa tsa nna mo seemong se se itumedisang gore ba kgone go dira ka natla le go itepatepanya le dikgwetlho tsa botshelo.
Mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi o kgothaditse babereki go lwela ditshwanelo tsa bone ba sa kgale mathe.
Rre Lesedi a re lentswe la babereki le ka tlisa diphetogo mo pusong.
O ba gakolotse go tswelela ka go bua gore puso e kgone go diragatsa diphetogo tse e neng e di solofeditse tse di akaretsang go tokafatsa mabaka a tiro. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Tsatsi la babereki
Date : 03 May 2023