Jacobs o rotloetsa babereki go tshwara ka thata
03 May 2023
Babereki ba maphata a puso ba rotloeditswe go dira ka natla go thusa go gorosa ditlamelo kwa setshabeng ka nako.
Kgakololo eo e ntshitswe ke modulasetilo wa khansele ya Tsabong, Rre Hendricks Jacobs ka letsatsi la babereki mo Tsabong.
A re seabe sa babareki se botlhokwa mo go godiseng itsholelo ya lefatshe.
Ka jalo, a re ntleng le seabe sa bone go ka seke go nne le tswelelopele le ditlhabololo mo lefatsheng.
Rre Jacobs a re puso e tseela kwa godimo ditshwanelo tsa babereki le seabe sa makgotla a babereki, ka jalo a re ba tshwanentse go tshwaragana go lwela ditshwanelo tsa bone.
A re puso e tla tswelela e dira maiteko a go araba dilelo tsa bone.
O kgothaditse makgotla a babereki le babereki go sala morago le go diragatsa melao ya pereko ka nako tsotlhe, a re go dira jalo go ka tiisa tomagano gareng ga mohiri le mmereki le go sireletsa ditswanelo tsa boo-babedi.
A re fa mmereki a itumetse o tia moko mo tirong, ka jalo a ntshe maduo a bonalang. Ka jalo a re puso e ikaegile thata ka dikitso le boineelo jwa babereki ka jalo go botlhokwa go sala tsamaiso morago.
O tsweletse are go botlhokwa gore badireddi ba direle mo lefelong le le sireletsegile ebile le itumedisa gore ba kgone go iperekisa ba sa salwa morago.
O supile gore melao ya khiro e rotloetsa mohiri le mohiriwa go itse ditshwanelo tsa bone gore ba kgone go dira botsalano jo bo amolesegang mo ditirong le gone go ntsha maduo aa nametsang.
Rre Jacobs o tlhalositse gape gore melao ya khiro e tsentse leitlho thata go bona gore mafelo a pereko le sireletsegile go amogela mmereki le bao ba ba kopang thuso.
Ka jalo o gakolotse babereki go ela thoko boitshwaro jwa bone ka jaana lefelo la pereko e le la setshaba sotlhe.
A re ba tshwanentse go dira ka natla go direla setsaba sotlhe ka kakaretso le go fitlhelela maitlamo a puso.
Moemedi wa lekgotla la babereki la Botswana Land Board Local Authorities and Health Workers Union (BLLAHWA), Rre Thato Tumaeletse o supile gore letsatsi la babereki le botlhokwa ka le dirisiwa go itshekatsheka.
Rre Tumaeletse a re mabaka a pereko a tlhokwa go seka-sekwa, le go tswelela ka go lwela kgololesego le ditshwanelo tsa maloko a bone ka go farologana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Tsatsi la babereki
Date : 03 May 2023