Monna o tlhokafetse mo kotsing ya koloi
03 May 2023
Mapodisi a Middlepits a tlhotlhomisa kotsi e gapileng botshelo jwa rre wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi.
Mookamela mapodisi, Assistant Superintendent Kebadire Mmopi a re ditlhotlhomiso di supa gore koloi eo ya modiro wa Toyota Hilux e ne ya pitikologa mo tseleng ya Middlepts–Khawa ka Matlhatso ka nako ya bongwe motshegare.
Rre Mmopi a re koloi eo e ne e le mo mosepeleng go tswa Middlepits go ya Khawa mme e ne e pegile bapalami ba le lesome le bobedi, palo e fetileng selekanyo se se letelelwang.
A re kotsi e diragetse dikhilomethara di le masome mararo go goroga mo Khawa, a tlatsa gore bapagami e ne ele bomme ba le bane le borre ba ferabobedi.
Rre Mmopi a re bapagami go balelwa le mokgweetsi ba ne ragosediwa kwa sepateleng sa Tsabong, mme ga tlhalosiwa fa mongwe wa rre a setse a tlhokafetse.
Bapagami ba le babedi ba ne ba ragosediwa kwa sepateleng sa Marina ka dikgobalo tse di masisi fa ba bangwe ba ne ba thusiwa ke ba sepatela sa Tsabong.
Assistant Supt. Mmopi a re ditlhotlhomiso di tsweletse go senola se se bakileng kotsi.
Rre Mmopi are ba tshwenngwa ke gore dikotsi dingwe di bakiwa ke go tlhoka kelelelo ga bakgweetsi le badirisi ba bangwe ba tsela, ka jalo a gakolola setshaba go tsaa boikarabelo jwa go obamela melawana le matshwao a tsela.
A re go botlhokwa go kgweetsa ka lebelo le le lekanetseng, a tlatsa ka gore tsela ya Khawa ke ya lekgarapana ka jalo e tlhoka gore mokgweetsi a kgweetse ka kelelelo.
Rre Mmopi a re dikoloi tse di bulegileng di diretswe go pega dithoto e seng batho, le gore di tshwanetse tsa pega selekanyo se se lekanetseng.
O tsweletse a re kgaolo ya gagwe e kwadisitse dikotsi tsa tsela tse di le pedi, are mo go e nngwe dikoloi di ne tsa thulana, fa e nngwe e thudile kgomo.
O gateletse botlhokwa jwa go nna kelotlhoko ka nako tsotlhe go tila dikotsi.
Le fa go ntse jalo, Rre Mmopi o supile gore moletlo wa ngwaga le ngwaga wa Khawa Dune Challenge o tsweletse ka go ngoka dipalo tse di kwa godimo tsa batho.
A re lefa ba kwadisitse kotsi e gapileng botshelo, ditshekatsheko tsa bone di supa fa moletlo o tsamaile ka thelelo.
O akgotse boitshwaro jwa batsena-moletlo, a re ga go a gatisiwa dikgang tse dintsi tsa go tlhoka tsebe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Khawa
Event : Potsolotso
Date : 03 May 2023