Barui ba Sandveld ba tshwara ditshupo
02 May 2023
Barui ba Sansveld Ranchers Association ba ne ba kopanetse kwa polaseng ya Gambee kwa Bophirima jwa Sandveld ka Matlhatso go tshwara tiro ya ngwaga le ngwaga ya go supa leruo la bone, go bua ka tse di ba amang e le barui ba dikgomo le go buisanya ka go tlhabolola thuo ya kgomo.
Tiro eo e ne e tshwaretswe kwa polaseng ya ga Rre Kitso Ramahobo ka fa tlase ga setlhogo sa: Go dira Thuo ee Itsetletseng Mo Gare Ga Diemo Tsa Itsholelo Le Tsa Tikologo Tse Di Sa Iketlang.
Barua kgomo ba ne ba nna le sebaka sa go supa dikgomo le gone go rekisa dingwe tsa dikgomo tsa bone ka palobalo.
Dikgomo tse di neng di rekisiwa di akaretsa tsa mofuta wa Charolaise, Brahman, Simmental le Simbrah.
Fa a bua kwa letsatsing leo, tona wa lephata la kgwebo (Entrepreneurship) Rre Karabo Gare o ne a supa fa lefatshe leno le itsege ka go rekisa nama ya kgomo ya maemo a a kwa godimo mme dipoelo di se kalokalo ntateng ya dilo dingwe tse di tlhokang go tsibogelwa.
Ka jalo a re lephata la gagwe le itebagantse le go netefatsa gore lefatshe leno le na le bagwebi ba ba nonofileng le dikgwebo tse di nang le dipoelo.
Rre Gare a re lefatshe leno le tswa kgakala le ntsha nama ya maemo a a kwa godimo mme go sa tsamaelane le dipoelo tsa barui,a tlatsa ka gore se se tshwanetse sa tsibogelwa.
O supile fa ba Botswana Meat Commission (BMC) ba na le lenaneo la dingwaga di le nne le ka lone ba ikaeletseng go tokafatsa dipoelo.
A re mo thulaganyong eo ba BMC ba tla laola ditshenyegelo tsa bone le go bona gore go na le kwa go rekisiwang nama teng e bile go ikanyega ka nako tsotlhe go tila ditshenyegelo.
O ne a fa sekai a supa fa go sa tshwanela gore e re nama ya madi a a kana ka P2 million e rekisetswa kwa ntle ga lefatshe leno go bo go sa tlhomamisege sentle gore a e tla a rekwa e bo e felela e bowa mo tseleng.
Rre Gare a re kgang e nngwe e e tsweletseng ke ya dikago tsa lefelo le go tla rekisetswang matlalo teng mme bagwebi ba dikgomo ba tlaa kgona go bona dipoelo mo matlalong a dikgomo go na le gore ba a latlhe fa ba sena go tlhaba.
Mo go tse dingwe Rre Gare o ne a akgola barui go tsibogela lenaneo la ga Tautona la go rotloetsa Batswana go rua dikgomo ka go neela Tautona dipoo gore a di abele barui.
Mongwe wa dibui kwa letsatsing leo e ne ya nna Rre Duncan Serapelwane go tswa South Africa e bile e le morui wa dikgomo tsa Bonsmara.
O ne a rotloetsa barui go rua mofuta wa dikgomo tse ba di ratang mme ba seka ba ruela kgomo gore ba e bone e tsaya maemo a ntlha kwa ditshupong.
A re kgomo ke botshelo jwa motho mme barui ba tshwanetse ba ithute ka yone le tlhokomelo ya yone e bile ba ipalele ka yone.
A re morui o tshwanetse a nne gaufi le leruo la gagwe kana a nne mo lefelong le a ruetseng mo go lone gore a itse tse di amang leruo la gagwe di tshwana le malwetsi a a ka gomagometsang go tsena leruo la gagwe.
A re tikologo e a fetoga mme fa e dira jalo morui o tshwanetse a itse gore e dira jalo fa go rileng le gore a leruo la gagwe le siametse tikologo eo mme a seka a utlwa ka yo o mo salelang le leruo.
O ne a rotloetsa barui go itlwaetsa go kwala fa ba reka sepe sa kwa polaseng ya bone gore ba itse ditshenyegelo tsa bone tsa kgwedi le kgwedi.
Mongwe wa barui ba dipolase Rre Kitso Ramahobo yo ebileng e le mong wa polase ya Gambee a re temo thuo e tsaya nako go dira madi e bile e tshwana le sekole, e batla lerato eseng go patelediwa go e rata.
A re dikgwetlho tsa temo thuo di dintsi fela thata mme fa motho a sena go di ralala ke gone a bonang dipoelo.
O supile fa dipolase tsa bone di bapile le CKGR mme ba na le kgwetlho ya diphologolo tse di ba jesetsang mo kgobedung jaaka ditlou, ditau, bophiri le ditlou mme ba kopa puso go bona gore ba ka thusiwa jang.
O ne a supa fa ditlou di le disha go nna mo mafelong a ba ruetseng mo go one mme ba sa itse gore di dirwa jang gore ba leke go dikganela gore di seka tsa senya.
A re ditlou di senya diterata tsa bone le mabeelo a metsi. Ends
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Sandveld
Event : Bokopano
Date : 02 May 2023