Matshosetsi a go bolaya le go ipolaya a tshwenya mapodisi
02 May 2023
Mapodisi a Serowe a tshwentswe ke dikgang tsa go ikgapela botshelo le tsa go tshosetsa go bolaya.
Mookamela mapodsi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng a re bosheng ba amogetse kgang e mo go yone rre mongwe a neng a kwala mokwalo wa matshosetsi a go ikgapela botshelo morago ga dipelaelo tsa gore mokapelo wa gagwe o a mo tsietsa.
Supt. Oteng are dipelaelo tsa gore rre yoo o batla go ipolaya di bakilwe ke mafoko a mokwalo o a neng a o kwadile a tlhalosa gore o tsaa loeto, mme kwa yang teng a ka se ka a tlhole a bonwa ke ope.
O tsweletse a re bangwe ba tshwenya ka go ntsha mafoko a tshosetsang ka polao ba supa gore ba ka tsaya tshwetso ya go bolaya kana go ipolaa. Rre Oteng a re dikgang tseo tsotlhe ke melato e metona e tseelwang dikgato tse di gagametseng.
“Go tshosetsa motho o re o tsile go mmolaya ke molato o mmelaelwa a ka atlholwang dingwaga tse di lesome mo kgolegelong,” ga tlhalosa Rre Oteng.
O tsweletse are ope yo o ntshang matshosetsi a go ipolaya ka mokwalo kana e le puo ya molomo o ka atlholwa ngwaga tse di sa feteng bobedi mo kgolegelong kana a lefisiwa P5 000.
Are dingwe tsa dikgang tsa batho ba ba ntshang matshosetsi a go bolaya kana go ipolaya di goroga kwa mapodising ka nako, are gantsi ba ba dirang jalo ba fitlhelwa ba tobekanye maikutlo ka jalo ba thusiwe go boela mo maikutlong a setho ka go sidilwa maikutlo.
Supt Poloko o gakolotse batho go kopa thuso fa ba na le dikgang tse di sa ba itumediseng go itsa go itsenya mo mathateng ka go tshosetsa go ipolaya kana go tshosetsa go bolaya mongwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 02 May 2023