Banni ba lela ka borukuthi le tiriso ya ditagi
02 May 2023
Banni ba dikgotlana tsa Makabe le Mmalekokopu ba lela ka botlhoka tsebe le borukuthi mo kgaolong ya bone.
Ba buile se mo phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Palapye Rre Onneetse Ramogapi bosheng.
Ba re ga ba jesiwe diwelang ke borukuthi jwa bogodu jwa leruo, go thujwa ga matlo le tiriso ya tagi ee bidiwang CAT.
Banni bare ditagi di dirisiwa le ke bana ba bannye ba ba tsenang dikole.
Kgosana wa kgotlana ya Makabe mo kgaolong ya Lotsane mo Palapye, Kgosi Dikakanyo Ramolai o boletse fa ba sa robadiwe ke tiriso ya ditagi mo kgaolong ya bone. A re ba eme ka dinao ba tshwaragane le ba sepodisi go lwantsha seemo se.
Kgosi Ramolai o kopile batsadi go thusa ka go kgalema le go aga bana ba bone ba lese go bipa mekgwa ya bana.
O kgadile batsadi bangwe ba ba sa tlhokomeleng metsamao ya bana. A re borukuthi bo a tshwenya ka gore ba-dira melato ba gana go sekela mo makgotleng a setswana.
Mopalamente Ramogapi o ne a ba lemotsha fa borukuthi ele selelo segolo mo kgaolong ya Palapye, a tlhalosa fa mapodisi ba eme ka dinao go bo lwantsha. Rre Ramogapi a re ba sepodisi ba kopile morafe go tlhama dikomiti tsa twantsho borukutlhi, ntebele ke golebele le gonna bo maloma tsebe, go tshwaragana le bone go lwantsha borukuthi.
A re lephata la sepodisi le dira gotlhe go lwantsha borukuthi, a sedimosa gore bosheng ba tshwere dithoto tsa bogodu,mme ebile dirukuthi di dirisa koloi ee kwadilweng Clinical waste go rwala dithoto tsa bogodu.
Mongwe wa banni Mme Sebelegi Mothobi a re ba tshaba go loma mapodisi tsebe ka gore fa o ba lona tsebe ba a bua e bile ba go sala morago.
A re seemo se se dira gore le fa batho ba bona borukuthi bo diragala ba didimale ka ba tshaba kana ba tshogela matshelo a bone.
Monana wa kgotla ya Makabe Mme Lesego Johane a re tiriso ya tagi ee bidiwa CAT e kwa godimo mo kgaolong ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Palapye
Event : Bokopano
Date : 02 May 2023