Breaking News

Banni ba kgothaditswe go dira dikoporase

01 May 2023

Mopalamente wa kgaolo ya Palapye Rre Onneetse Ramogapi o kgothaditse banni ba dikgotla tsa Makabe, Mmalekokopu le Extension 10  mo Palapye  go dira dikoporase.

O ba kgothaditse jalo ka Labotlhano fa buisa diphuthego tsa kgotla tsa kgaolo ya gagwe, a tlhalosa fa a buisa banni ba  kgaolo ya gagwe go ba lekodisa tse dibuilweng kwa palamenteng ee fitileng le go tsaya matshwenyego a bone go a isa kwa go ee tlang. 

Rre Ramogapi  a re o tshwengwa ke kgang ya letlhoko la ditiro ka jalo a re lenaneo la dikoporase le ka  thuso go hema seemo.

A re puso e rotloetsa Batswana go ikopanya le go dira dikoporase tsa mofuta ope fela,go itshetsa le go tlhama ditiro. 

O ne a rotloetsa le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse (VDC) go dira dikoporase, a tlhalosa gore metlhala ya tsone e mentsi mo kgaolong ya Palapye. 

Mopalamente o bile a kopa banana ba kgaolo ya gagwe ba ba batlang  go ikopela lenaneo la YDF go kopa thuso ko ofising ya mopalamente.

Rre Ramogapi o ne ba lekodisa fa Palapye a godisitswe go nna kgaolong ee ikemetseng, a tlhalosa fa se se tla thusa go fefosa ditlamelo le ditlhabololo.  

O ne gape a re sepatela sa Palapye se tla atolosiwa, go tla tshelwa ditsela dingwe sekontere ka lenaneo la motshela kgabo. 

Fa a ba lekodisa ka tse di builweng ko palamenteng  o ne are gotla ntshiwa lekgetho mo dilong tse di botlhokwa, a tlhalosa gore bagaka ba pele batla atsuwa ka lemenyana. 

Rre Ramogapi o kopile batsadi go emela thuto ya bana ba bone ka dinao.

Banni ba kgotla ya extension 10 ba ne lela ka dipalamo tsa setshab tse di nnye a   ba tlhalosa gore ga di tsamaele kwa kgaolong ya bone. 

Ba supa gape gore lenaneo la ipelegeng ga le yo mo kgaolong ya bone.

Banni bangwe ba ne ba ngongorega gore mananeo a puso  ga a akaretse bagolo.

Mongwe wa banni Rre Gabaakelwe Dema a re kgang ya dipalamo tsa setshaba tse di nnye  e ba tshidisa bokete ka gore bana ba tsena dikole kgakala. 

Are seemo se se maswe ka gore kgaolo  e dikgwa  tse di ngokang dirukuthi. 

Rre William Ogolotse a re kgaolo ya bone ga ena ditsela, e dikgwa tse a reng ke tsone di gakatsang borukuthi .

Fa a ba araba mopalamente a re bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba tse di nnye  bare kgaolo e borai mo matshelong a bone ka dirukuthi di e dirisa go ba tlhasela. 

O boletse fa tla bua le ba lephata la dipalamo ka seemo se. 

Fa leboga modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse VDC Rre Goboletswe John o supile matshwenyego a ditsela, borukuthi mo kgaolong a tlhalosa fa banni ba tshela ka letshogo. 

O  rotloeditse banni go tshwaragana go aga kgaolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PALAPYE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 01 May 2023