Moepo wa Minergy ga o tswalwe - Makwinja
01 May 2023
Mopalamente wa Mmopane/Lentsweletau Mme Nnaniki Makwinja o ganeditse magatwe a gore moepo wa magala wa Minergy o a tswalwa.
A re seo ga se boammaruri ka moepo o tsweletse ka go ntsha magala ka jalo a gakolola banni go ikgapha mo dikgannyeng tse di ka kgoberang maikutlo a bone.
O buile seo bosheng mo phuthegong ya kgotla kwa Medie jaaka banni ba ne ba mo lekodisa ka dikgwetlho tse di amang motse wa bone.
Fa a tlhalosetsa banni ka tsamaiso ya moepo oo, Mme Makwinja a re theko ya magala e dirwa kwa ntle ga lefatshe se se rayang gore go nna le nako e ditlhwatlhwa di welang tlase, mme fa go nna jalo go nne bokete go tswelela ka palo e ntsi ya babereki.
Are go lebega fa theko e ne ya wela tlase ka nako e bolwetse jwa COVID-19 bo neng bo tlhasetse lefatshe ka bophara.
Ka jalo, are mmaraka wa theko le thekiso ya magala o ne wa babalelwa.
Mme Makwinja o ne a dumelana le banni ka seemo sa tsela ya Medie e e sa babalesegang, ka jalo are bo maitseanape ba tikologo ba tshwanetse ba nna le seabe go e seka seka.
“Tsholofelo ke gore baitseanape batle ba tseye maikutlo a lona fa ba simolola go dira mealo ya tsela, mme seo se dirwa go na le tshwaragano ya ba meopo,” ga tlhalosa Mme Makwinja.
O kopile banni ba Medie go batla maano a go itshetsa ka go tshwaragana ba dira dikgwebo tse di bogadi bo gaufi go tokafatsa matshelo a bone. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Lucky Serale, o ne a kopa Mme Makwinja go thulanya ditlhogo le makalana a mangwe a puso, gore Medie a okelediwe dipalo tsa babebereki ba Ipelegeng go thusa mo ditlhabololong tsa motse.
O ne a supa fa ba sale ba solofeditswe fa motse wa bone o tla nna mengwe e e tla thusiwang ka phatlalatso ya metsi mo malwapeng mme nako kgolo ele eno. E ntse ele mo phuthegong ya kgotla Kgosi Moatlhodi Kgabo o supile fa kgaolo ya Medie e aparetswe ke borukuthi mme a kopa banni go tsibogela seo, ka se senya sereti sa motse.
O kaile fa dintwa kwa marekisetsong a bojalwa di baka gore bangwe ba felele ba latlhegelwa ke matshelo.
O boleletse phuthego gore o tshwenngwa ke modumo, segolo bogolo wa diletso mo marekisetsong a bojalwa, ka jalo a kopa ba sepodisi le khansele go tshwaraganela tiro e le morafe, a tlatsa ka gore molao o o laolang modumo o tshwanetse wa diragadiwa.
“A re itshekatshekeng re bone gore reya kae, go nne le tshwaragano ya magosi le morafe ka seo se ka thusa go aga motse,” ga bua jalo Kgosi Kgabo.
Mo go tse dingwe Kgosi Kgabo o supile fa a tshwenngwa ke go sa direng sentle ga sekolo se se botlana sa Medie. A re e sale ka 2019 go fitlha ka 2021 maduo a sekolo seo ga a nametse ka jalo a kopa batsadi go nna le seabe mo dithutong tsa bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : MEDIA
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 01 May 2023