Breaking News

Autlwetse o abetse bana ba dikole

01 May 2023

Dimpho tse di abetsweng baithuti ba dikole tsa Lecheng le Ratholo mo kgaolong ya   Lerala/Maunatlala go solofetswe fa di tla a nna le seabe ka go ba kgotlhatsa mo dithutong tsa bone.

Se se tla morago ga gore Tona ya dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Kgotla Autlwetse a abele baithuti botlhe, barutabana le badiri ba dikole tseo dimpho ka thuso ya ba World Group of companies.

Baithuti botlhe ba sekole sa Lecheng ba le 733 ba abetswe para ya ditlhako, dikobo mongwe le mongwe, pakete ya dimonamone le kgwele ya dinao ntlwana ya borutelo nngwe le nngwe. 

Kwa sekoleng sa Ratholo baithuti botlhe ba le 481 le bone ba abetswe fela jaaka ba Lecheng.

Tona Autlwetse o boletse fa a simolotse botsalano le bagwebi ba World Group of Companies ka nako ya ele mopalamente wa Serowe bokone mme ka botsalano jo, ba kgona go abela dikole tsotlhe mo kgaolong ya gagwe paka ya sekole ngwaga le ngwaga.

A re ka jaanong e sa tlhole ele mopalamente wa kgaolo, o bone go le botlhokwa go atlolosa dithuso tseo a supa fa a setse a abetse baithuti ba dikole tse thataro tsa Palapye. Fa a leboga mopalamente wa kgaolo Rre Sethabelo Modukanele o tlhalositse fa paka ya sekole e tla a thusa thata ka baithuti ba sena go farologana ka botlhoki ja bone. 

Are fa ngwana mongwe a sena paka ya sekole ka ntlha ya botlhoki ja batsadi ba gagwe o simolola go inyatsa a bo a felela a tshaba sekole. Megokgo ya dikole tseo, barurabana le komiti tsa batsadi le barutabana le dikgosi tsa metse ba lebogetse dimpho tseo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Kabo dimpho

Date : 01 May 2023