Banni ba tlaa agelwa borogo jwa nakwana
01 May 2023
E tlaare mo bogaufing selelo sa banni ba Tshokwe le Tobane, sa gore ga ba kgone go tlola noka ya Molabe ka nako ya dipula, se arabiwe ka puso e tsere tshwetso ya go ba agela borogo jwa nakwana.
Se se boletswe ke mopalamente wa kgaolo, Rre Molebatsi Molebatsi jaaka a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Tshokwe ka Labone.
Rre Molebatsi a re puso gape e tsere tshwetso ya go tsenya kago ya borogo jo bo tshelang noka ya Molabe mo lenaneong la ditlhabololo la bolesome le bobedi (NDP12) mme a kopa banni go nna pelo telele ka kago ya sennelaruri e tla dirwa. A re keletso ya gagwe ke gore puso e ba agele borogo jwa sennela ruri le tsela e tswang mo Tobane e ya Tshokwe go thusa gore banni ba kgone go bona ditlamelo tse ba di tlhokang le ka nako ya dipula.
A re mabaka a gore go bo go tserwe tshwetso ya go aga borogo jwa nakwana ke go bo puso e ne ya tlosolosa tshimologo ya lenaneo la ditlhabololo la NDP 12 go dira ditiro tse di saletseng kwa morago mme go dirisiwa lenaneo la nakwana la Transitional National Development Plan.
A re tsela eo e tsentswe mo lenaneong la ditogamaano la NDP 12, ka ngwaga wa 2025, a tlatsa ka go re ke ka moo puso e boneng go le botlhokwa go nama e agetse banni borogo ja nakwana gore ba tswelele ka matshelo a bone go sena sekgoreletsi.
Noka ya Molabe ke nngwe ya dinoka tse di tona tse di kgaoganyang metse ya Tshokwe le Tobane mme fa dipula di nele mesepele e a kgoreletsega.
Banni ba Tshokwe ba tsaa ditlamelo kwa Selebi Phikwe fa meraka ya banni ba Tobane e le moseja ga noka eo.
Mo go tse dingwe Rre Molebatsi o ne a tlhalosetsa banni fa kgaoganyo ya melelwane e wetse mme go na le metse mengwe e e neng e wela mo kgaolong ya Mmadinare mme e tsentswe kwa go ya Lerala/Maunatlala.
Are se se raya gore metse e e setseng mo kgaolong ya Mmadinare e merataro fela.
Are se ke kgatelo pele mo ditlhabololong ebile go tla tlhofofaletsa mopalamente tiro.
E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Tshokwe, Rre Onthusitse Serolo o supile fa ba itumelela ditlhabololo mo motseng jaaka kago ya leobo la kgotla e e tsweletseng e bile e thapile banana ba mo motseng.
O ne gape a tlhalosa fa ba lebogela mogopolo wa go tlhama mophato go dirisiwa lenaneo la Ipelegeng maikaelelo e le go laola borukuthi mo motseng.
Are se ke kgatelo pele e e tshwanetseng go iteelwa legofi.
Kwa bofelong molaola malwetse a leruo mo kgaolong, Dr Jaone Sebina a re morago ga go emisiwa ga thekiso ya leruo mo kgaolong ya zone 7 ntateng ya go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo ba ne ba itemogela palo e e kwa godimo ya leruo.
Are go lemogeng seo, puso e ne ya tsaya tshwetso ya go bulela gore dikgomo tsa magongwana di rekisiwe kwa ntle ga lefatshe mme thulaganyo eo, e e neng e neetswe sebaka sa ngwaga e ya bokhutlong mafelo a ngwaga ono.
Are se se raya gore Botswana Meat Commission e tlaa simolola go reka dikgomo mo Batswaneng ka ditlhwatlhwa tse di botoka. O rotloeditse barui go tswelela ba tlhokomela leruo la bone gore le seka la kopana le la kwa Zimbabwe gore nako nngwe le bone ba bo ba rekisetsa mmaraka wa European Union. Dr Sebina a re go rekisa kwa Euoropean Union go laolwa ke ka fa leruo le tlhokomelwang ka teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : TSHOKWE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 01 May 2023