Breaking News

Kgosi o rotloetsa tshwaragano ya maphata

27 Apr 2023

Kgosi Tshipe Tshipe wa Mahalapye o kopile tshwaragano ya batsadi le botlhe ba ba amegang, go thusa go tokafatsa maduo a dikole, bogolo jang se segolwane sa Madiba.

O buile jaana mo phuthegong ya kgotla bosheng, e e neng e tshwerwe ke modulasetilo wa khansele ya Mahalapye, Rre Bantlhasetse Merementsi, go lekodisa morafe gore khansele e tsweletse jang e sena go tlhatlosiwa maemo go nna e e ikemetseng.

Kgosi Tshipe yo gape e leng mothusa modulasetilo wa Ntlo Ya Dikgosi a re maduo a sekole sa Madiba ga a jese diwelang mme ka khansele e atolositswe, o dumela fa dilo di tlaa rarabologa motlhofo ka ditshwetso di tlaa bo di tsewa segaufi.

Dikgwetlho mo motseng a re di akaretsa letlhoko la ditiro, mogare wa HIV le borukutlhi jo bo dirwang ke bana ba mo gae mme a kopa tshwaragano ya khansele le botlhe ba ba amegang go bereke mmogo ka e le yone tsela fela e e ka rarabololang seemo.

Mo pegong ya modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Boniface Disho o lebogile phetogo ya dituelo tsa babereki ba Ipelegeng, a re ke selelo se se sa bolong go tshwenya.

O kopile gore go nne le dithendara tse di ka fiwang banana fela, ba sa di lwele le bape, go tokafatsa seemo sa letlhoko la ditiro.

Rre Disho a re tiro ya go baakanya dipone tsa mo mekgwatheng e bonya e bile motse o lefifi.

A re thulaganyo ya go ajwa ga dithendara tsa dijo tsa bana ba dikole tse dipotlana ga e a siama ka go na le ba ba akolang ba le nosi, ba bangwe ba sa bone sepe.

A re ba na le dikgang tsa bana ba ba dirisang dinotagi phetelela mme se se na le seabe mo go weleng tlase ga maduo a dikole a bo a kopa morafe gore o eme ka dinao ka dilo tse bana ba di tsaya mo bagolong.

Rre Disho a re fa bodiredi jwa khansele le komiti ya ditlhabololo ba ba ka goga mmogo, merero ya ditlhabololo e ka tokafala.

Fa a tswa la gagwe, Rre Merementsi o ne a re fa e sale khansele ya Mahalapye e fetolwa, ba gatetse pele mo go di le mmalwa jaaka go fetola melawaneng e e tsamaisang khansele.

A re ba itlamile go emela metse e e masome mane e e ka fa tlase ga khansele ya Mahalapye gore e thusiwe ka nako fa ditlamelo di ba letla e le khansele ka mosepele wa go tsibogela tse di amang banni ba kgaolo o ya go khutshwafala.

O tlhalositse gore mo ngwageng ono wa madi ba solofetse gore ba age dikole tse dipotlana di le tharo, kwa Ramokgonami, Chadibe le Mahalapye, go oketsa mantlo a borutelo le a bodiredi kwa dikoleng dingwe jaaka tsa Sefhare, Kgamane, St Patricks le kwa Setsile.

O supile fa kwa Seleka ba ya go baakanya seemo sa dikago kwa sekoleng.

A re tshwetso ya puso ya go ruta babereki ba Ipelegeng ditiro tsa diatla e tsile go ba thusa ka gore jaanong ditiro tse dingwe jaaka go shafatsa matlo a borutelo le go agela botlhoki di tlaa bo di neelwa dialogane tsa Ipelegeng.`

Rre Merementsi  o supile fa bogodu jwa leruo, segolo jang dikgomo tse di feletsang di rekisediwa banni ba mo gae le ba kwa ntle ga motse bo tshwenya mme go utlwala ba marekisetso a dinama e le bangwe ba bareki.

Banni ba rotloeditswe go bega dikgang tsa borukutlhi ka di dirwa ke bana ba bone mo gae ba ba itsaneng le bone. ENDs

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Apr 2023