Tsela ya Mmadinare-Robelela e tlaa dirwa
27 Apr 2023
Mopalamente wa Mmadinare yo e bileng e le mothusa tona wa Temo-Thuo, Rre Molebatsi Molebatsi o tlhalositse fa tsela ya Mmadinare-Robelela e tlaa tshelwa sekontere mono ngwaga.
Rre Molebatsi o tlhalositse jaana mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi Kwa Robelela, a supa fa mo dipuisanong tsa gagwe le ba lephata la ditsela ba supile fa e tlaa re Motsheganong a tlhola ga tlhano, ba anamise taletso ya ikopelo tiro gore batho ba iteke lesego.
O ne a rotloetsa banana ba Robelela go tshwaragana go tlhama dikhamphani gore le bone ba nne le sebaka sa go ikopela ditiro.
A re ba tshwanetse go tlhaloganya fa lenaneo la Ipelegeng e se selo se se tlaa nnelang ruri, bogolo jang mo nakong ya gompieno e itsholelo ya lefatshe e tsweletseng ka go wela tlase, a re e tlaare nako dingwe le bo le eme.
Rre Molebatsi a re ba Lephata la Ditsela ba solofetse gore pele ga ngwaga o o ya bokhutlong, go bo go simololwa.
A re banni ba Robelela ba sego ka go bo ba dikaganyeditswe ke di-tsa tlholego tse ba ka di dirisang go tlhabolola matshelo a bone.
Moemedi wa bone a re keletso ya gagwe ke go bona matshelo a bone a tokafetse, a tlhalosa fa ditlhabololo ka bonosi di ka seke di tlhabolole motho.
Mo go tse dingwe, Rre Molebatsi o supile matshwenyego ka go tlhoka go dira sentle ga bana ba dikole, a supa fa mo ngwageng o o fetileng bana ba le masome a mararo ba ne ba kwala ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa boraro mme ba le bararo fela ba kgonne go fetela kwa lokwalong lwa bone.
A re se se supa fa go na le bothata jo bo tshwanetseng go tsibogelwa go na le go tlhola go supanwa ka menwana.
O solofeditse banni fa e tlaa re mo nakong e e seng kgakala, a tle go kopana le bana le batsadi, go bona gore bana ba ka thusiwa jang.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Robelela, Mme Arabang Laolang o supile fa ba itumelela ditlhabololo tse di dirwang mo motseng le fa dingwe di diega go dirwa.
Mme Laolang a re ba lebogela diofisi tsa kgotla ka di ne di se mo seemong se se itumedisang.
A re tsholofelo ke gore kago ya metshela kgabo e simolole mo bo gaufing.
Monni wa motse, Mme Setshwanetse Tamocha o lebogetse mopalamente go ba batlela bareki ba phane, a supa fa e setse e le dingwagangwaga a tshwara phane mme a seke a bona dipoelo tsa yone.
A re ya gompieno o kgonne go bona P2 800 mme a kopa mopalamente go tswelela a ba tshwaraganya le bareki ka go dira jalo go ka tokafatsa matshelo a bone.
Mme Motlabaseyo Moeng go tswa kwa lephateng la Dikgwa ene o tlhalositse fa go le botlhokwa go itshetsa ka dibapalwa nageng mme go dirwa jalo go setswe molao morago.
Mme Moeng a re go a makatsa go utlwa ka fa phane e bapetsweng ka teng mme go sena diteseletso tse di kileng tsa tsewa kwa ofising.
O ne a ba rotloetsa go ikopanya le ofisi go tsaya diteseletso.
A re go tshwara phane ntle le teseletso ke molato o motho a ka o tshwarelwang mme a atlholwe P1 000 kana ngwaga mo kgolegelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : ROBELELA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Apr 2023