Breaking News

Go sinosa dikgwa go tsweletse mo Chobe

27 Apr 2023

Lephata la Diphologolo le Makgabisa Naga le simolotse go sinosa dikgwa mo metseng ya kgaolo ya Chobe go fokotsa ditiragalo tsa dipolao le dikgobalo tse di bakwang ke diphologolo mo bathong.

Thulaganyo e e simolotse kwa Kasane mo bekeng e e fetileng, ya atolosediwa kwa Kachikau, mme e tlaa ya kwa metseng e mengwe mo tsamaong ya nako.

Mopalamente wa Chobe, yo gape e leng Tona wa tsa Melao, Rre Machana Shamukuni o boleletse diphuthego tse di tsweletseng fa go rema dikgwa mo e le go sireletsa batho kgatlhanong le diphologolo morago ga tlhaselo ya dinare tse di bolaileng batho ba le babedi bosheng.

O supile fa Lephata la Tikologo le Bojanala le le mo thulaganyong ya go oketsa didirisiwa mo diofising tsa lone, a tlatsa ka go re gape ba ikaelela go oketsa badiri go nna ba tsamayatsamaya ba tlhola seemo, segolo bogolo mo makgabagenyetsong a diphologolo.

Rre Shamukuni o buile fa gantsi diphologolo di tlhasela batho fa sekgwa se kitlaneng teng, ka jalo a kopa banni gore le bone ba thuse puso ka go fokotsa dikgwa tse.

O kopile setshaba go isa mokgosi kwa go ba Lephata la Diphologolo le Makgabisa Naga fa ba bona diphologolo di saila mo mafelong a batho ba nnang mo go one ka bontsi.

Rre Shamukuni o tlhalositse fa dipula tse di boutsana tse di dirileng gore phulo e bo e sa nametse, di bakile gore diphologolo tsa naga di senye thata mo masimo.

A re lefatshe ka bophara le mekamekane ke seemo sa phetogo ya loapi, se se bakang gore dipula di seka tsa na, le mogote o o feteletseng o felela o tshuba phulo.

O kopile banni ba metse ya Chobe gore ba seka ba nyeletsa diphologolo ka go di bolaya, ka di na le seabe se setona mo go godiseng itsholelo ya Botswana ka bojanala.

Mogolwane wa ofisi ya Diphologolo le Makgabisa Naga mo Kasane, Rre Bizani Maika o tlhalositse fa lephata le le mo thulaganyong ya go sekaseka go oketsa madirelo a nakwana a lone, segolo jang kwa Parakarungu le Satau.

O kopile setshaba go ipabalela mo diphologolong ka go ikgapha mo go tsamayeng mo sekgweng, a rotloetsa batsadi go tlhokomela bana gore ba seka ba tshamekela kgakala le digotlo.

Rre Maika o solofeditse fa ba tlaa itlhaganelela go sekaseka tshenyo e e bakwang ke diphologolo mo masimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : KASANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Apr 2023