Breaking News

Ba kopa kgoro ya molelwane

27 Apr 2023

Banni ba Satau mo kgaolong ya Chobe ba kopilwe go bulelwa kgoro ya molelwane gaufi go tlolela kwa Namibia.

Ba dirile kopo eo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa Chobe, Rre Machana Shamukuni ka Labobedi.

Banni ba re ba bapile thata le metsana mengwe ya Namibia, ka jalo go ba tsenya dingalo go tsamaya sekgala go ya go tlola kwa Ngoma.

Ba ne ba kopa gore bogolo ba bulelwe kgoro a nama o sa tshwere e le tekeletso.

Ba ne gape ba kopa puso go atolosa tiriso ya Omang go tlolela kwa Namibia ka kgoro e ntsha fa e ka bulwa.

E rile a ba araba, Rre Shamukuni, yo gape e leng tona wa tsa melao, a tlhalosa fa molelwane o tlhoka melao le pabalesego e e kwa godimo. 

Ka jalo a re pele ga kgoro e ka bulwa, mafatshe oo-mabedi a tshwanetse go tla ka melawana ya go e tsamaisa. O kopile banni go tswelela ba dirisa molelwane wa Ngoma, a ba tlhagisa kgatlhanong le go tlola terata, ka e le molato.

Rre Shamukuni o tlhalositse fa e tlaa re mo tsamaong ya nako tiriso ya Omang go ya Namibia e atolosediwe kwa melelwaneng e mengwe, a ba kopa go nna pelo telele. 

A re mananeo otlhe a puso e a tsisang go tlhofofatsa matshelo a Batswana a tlhatlhojwa go bona gore a a tswa tema, ka jalo a atolosewe.

Tona o ne gape a kopa banni ba metse e e dikaganyeditseng Chobe National Park go sala ditaelo tsa ba lephata la diphologolo morago, le go tsamaya ka dinako tse di beilweng.

 O tlhalositse gore kopo ya gore kgoro ya lefelo la diphologolo e seka ya tswalwa ka go bo matshelo a banni a le kwa Kasane, e isitswe kwa lephateng le le maleba go e sekaseka. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : Satau

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Apr 2023