Ditlhopho di tlhoka matsetseleko
27 Apr 2023
Mokwaledi wa ofisi e e ikemetseng ya ditlhopho, Rre Jefferson Siamisang o rotloeditse tirisanyo mmogo le kagiso mo tsamaisong ya ditlhopho tsa poeletso tsa Mapoka/Nlapkhwane kwa kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima tse di tlaa tshwarwang ka Matlhatso (Moranang 29).
O buile jalo a gakolola ba ba nang le seabe mo tsamaisong ya ditlhopho tseo, a re ditlhopho ke thulaganyo e e masisi, e e tlhokang go tsamaisiwa ka matsetseleko.
Bokopano bo ne bo tshwaretswe kwa Mapoka ka Laboraro bo tsenwe ke batsamaisi, batlhophisi, babadi ba letsatsi la ditlhopho, mapodisi, bontlhopheng ga mmogo le baemedi ba diphathi tsa sepolotiki, tse di tlaa bong di iteisanya borathana.
Rre Siamisang a re mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse a itse boikarabelo jwa gagwe, a re se segolo ke gore ditlhopho di tsamaisiwe go ikaegilwe ka molao wa tsamaiso ya ditlhopho tsa lefatshe leno, go na le go dirisa maikutlo kgotsa dikeletso tsa bangwe.
O ne a kaya fa go tsepama mo molaong wa ditlhopho, go ka tila le tsone dingongora le dikgoberego tse di ka nnang teng mo ditlhophong.
A re keletso ke go bona ditlhopho tsa lefatshe leno di tswelela di tshegediwa ka kagiso le thokgamo e e renang mono, e bile e melediwa mathe ke mafatshe a mangwe.
Fa a lebisa mafoko kwa batsamaising ba ditlhopho tseo, Rre Siamisang a re ba tlhaloganye fa marapo otlhe kwa matlhophelong a tlaa bo a le mo maruding a bone, ka jalo ba seka ba tsaya boikarabelo jo ba bo filweng le ditlhopho tseo motlhofo.
O ba gwetlhile go tla ba netefatsa gore matlho a bone a dikologa dintlheng tsotlhe tsa lefelo la botlhophelo, go tlhomamisa gore sengwe le sengwe se se diragalang mo tikologong ke se se tshwanetseng.
Mokwaledi o ba gakolotse go ikamanya le go dirisa melawana wa ditlhopho, a re go dira jalo go tlaa ba thusa gore ba seka ba felela ba tsaya ditaelo go tswa go sele.
Rre Siamisang a re go dira jalo go ka ba baya mo tshiamelong ya go kgona go diragatsa thomo ya bone ka fa go solofetsweng ka teng.
Ba diphathi tsa sepolotiki le bone ba ne ba kopiwa go rotloetsa balatedi ba bone go nna le boitshwaro jo bo letlelesegang kwa matlhophelong, a re ba seka ba kgopakgopana le batsamaisi le batlhophisi.
Rre Siamisang o ne a ba gakolola ka dingwe tse di sa tshwanelang go dirwa kwa matlhophelong, di akaretsa go aparwa ga mebala ya diphathi le go ipapatsa.
A re go botlhokwa gore diphathi di phadisane ka mowa wa neelano.
Ba-na-le seabe ba ne ba tshepisa go tla ba dira gotlhe go tlhomamisa gore ditlhopho tse di tsamaya ka thelelo.
Ditlhopho tsa Mapoka/Nlapkhwane di tla morago ga go tlhokafala ga mokhanselara yo e neng e le wa phathi ya Botswana Democratic party (BDP) Rre Farai Bonyongo ka Tlhakole.
Kgaolwana eo, e tlaa bo e phadisanelwa ke diphathi tsa Botswana Congress Party, BDP le Umbrella for Democratic Change. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MAPOKA
Event : Bokopano jwa bana seabe mo tsamaisong ya ditlhopho
Date : 27 Apr 2023