Breaking News

Gopolang ba-na-le bogole - Tona Autlwetse

26 Apr 2023

Morafe wa Majwanaadipitse mo kgaolong ya Legare o  kgothaditswe go gakologelwa ba-na-le bogole le go ba ema nokeng ka ditsela tse di farologanyeng.

Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse o gakolotse jalo ka Labobedi fa a ne a abela mo-na-le bogole mongwe kwa Majwanaadipitse kwa kgaolong ya botlhophi ya Serowe Bokone kolotsana.

Tona Autlwetse a re o tlhophile go abela ba-na le bogole ba kgaolo eo e le tsela nngwe ya go lebogela banni go bo ba ne ba mo tlhopha go nna mopalamente wa bone ka ditlhopho tsa 2014.

A re morago ga tlhopho eo o ne a tsaya matsapa a kopa thuso kwa go ba World Group of Companies mme a rekela bana botlhe ba dikole tsa kgaolo ya Serowe Bokone paka ya sekole e e feletseng.

Rre Autlwetse a re o bone go tshwanela gore gompieno a direle ba-na-le bogole ka gore e ka re gantsi ba a lebalwa.

E rile a tswa la gagwe, Rre Tshokolo Kelatlhegile yo o dingwaga tse di masome marataro le botlhano o ne a supa fa a tshotswe a siame mme a golafalala fa a ntse a gola.

O ne a tlhalosa fa a itumetse go bo a abetswe kolotsana le dikobo, a re seo se supa fa go na le batho ba ba ba lemogang mo setshabeng.

Moemedi wa lwapa loora Kelatlhegile, Rre Boitshepo Kebahi o ne a supa fa kolotsana eo e tlaa thusa morwarraagwe ka e a neng a ntse a e dirisa e ne e setse e onetse.

E rile a ntsha mafoko a malebo, mooki go tswa kwa Serowe District Health Management Team (DHMT) Mme Motswamasimo Rankgomo a bolela fa mpho eo e tsile ka nako e e maleba e lephata le neng le lwa ka gotlhe go leka go thusa Rre Kelatlhegile mme maiteko a lone a ise a kgonagale.

O bile a akgolela tona mowa wa lorato mo go ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : MAJWANAADIPITSE

Event : Kabo ya dimpho

Date : 26 Apr 2023