Komiti e e kgaoganyang melelwane ya dikgaolwana e simolola tiro
26 Apr 2023
Komiti e e filweng boikarabelo jwa go sega sesha melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente le bokhanselara mo kgaolong ya Letlhakeng e simololola tiro Motsheganong a roba bongwe.
Modulasetilo wa komiti, yo e leng molaodi wa kgaolo ya Letlhakeng, Rre Ronald Masole a re go sega melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi ke tiro e e masisi, ka jalo e tlhoka go dirwa ka kelelelo.
O buile jalo mo phuthegong ya komiti ka Labobedi. Rre Masole a re tsamaiso ya ditlhopho e tlhoka go dibelwa le go tshwarwa ka matsetseleko go itsa dikgotlhang.
Ka jalo o kopile maloko a komiti eo go dira tiro ka botswerere, ba itse fa ba ba sa emela dikeletso tsa bone, mme romilwe ke setshaba.
O tlhalositse gore morago ga go kgaoganya melelwane ya bopalamente go tsena kgaoganyo ya melelwane ya dikgaolwana tsa bokhanselara.
Rre Masole a re komiti e tlaa tsamaya le metse yotlhe go akarediwa le mafelo otlhe a a mo kgaolong e go fitlhelela tiro e wela.
Mogolwane go tswa kwa ofising ya khansele e e dirang moalo wa lefatshe, Rre Tefo Matong o tlhalositse gore kgaolwana ya bokhanselara e tshwanetse go nna le batlhophi ba le 4 015.
Rre Matong o tlhaloseditse maloko a komiti gore ba tshwanetse go lebelela dikeletso tsa batho le dikakanyo tsa bone le go lebelela melelwane e mengwe e e leng teng.
O tlhalositse botlhokwa jwa go sekaseka mo go tseneletseng mafelo a a ka tlhongwang matlhophelo gore setshaba se seka sa tsaya mosepele o moleele go latela matlhophelo.
Rre Matong a re kgaolo ya botlhophi ya Takatokwane e na le makhanselara a le lesome le bobedi, a tlatsa ka go re morago ga tshekatsheko e e dirilweng kgaolo e okeleditswe ka kgaolwana ya mokhanselara e le nngwe, ka jalo e na le dikgaolwana tsa bokhanselara di le lesome le boraro.
Mothusa kgosi ya Letlhakeng, RreTumelo Puleng a re morero o botlhokwa mo pusong ya batho ka batho.
Kgosi Puleng o kopile komiti go tshwara tiro eo ka manontlhotlho le go baakanya diphoso tsa nako e e fetileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthegong ya komiti
Date : 26 Apr 2023