Ba lebogelwa bopelotelele
26 Apr 2023
Banni ba Themashanga mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba akgoletswe go nna pelotelele mo go leteleng ditlhabololo le ditlamelo go goroga kwa motseng wa bone.
Ba akgotswe jalo ke mopalamente wa bone, Dr Douglas Letsholathebe mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo, kgwedi eno e le masome mabedi le bone.
Dr Letsholathebe o boletse fa puso e sa ithela moriti o tsididi mme e kgathala ka matshwenyego a bone, a supa fa e dira gotlhe mo e ka go kgonang go leka go a rarabolola.
Mabapi le seemo sa tlhaelo ya metsi, se e kileng ya bo e le selelo se segolo kwa Themashanga mme go tlhalosiwa se tokafetse, Dr Letsholathebe a re puso e tsweletse ka go dira gotlhe go tlhomamisa gore metsi a nna teng ka dinako tsotlhe.
Dr Letsholathebe o ne a supa fa puso e sa itlhokomolosa ntlha ya go reka dipolasi dingwe go lwantsha tlhaelo ya lefatshe, a re sebe sa phiri ke gore beng ba dipolasi ba isa ditlhwatlhwa kwa godimo fa puso e batla go di reka.
O ne a tshwaela jalo mabapi le kopo ya banni ba Themashanga, e ba neng ba kopa puso go reka dipolasi dingwe tse di mo tikologong ya bone go leka go fokotsa tlhaelo ya lefatshe mmogo le tiego ya go abelwe ditsha.
Mo go tse dingwe, mopalamente Letsholathebe, yo gape e leng tona wa Lephata la Thuto le Tlhabololo Dikitso o ne a bolela fa thuto e le konokono mo go fetoleng seemo sa botshelo jwa motho.
A re ka moo, puso e semeletse mo go tokafetseng thuto, go akarediwa le yone thuto ya ditiro tsa diatla, a re nako e gorogile ya gore batho ba tsee tsia dithuto tsa dikole tsa ithutelo ditiro tsa diatla.
O bile a kopa Batswana go tshwaragana le puso mo maikaelelong ao a go leka go tlhabolola le go fetola boleng jwa thuto ya lefatshe leno, a bo a gwetlha banana go ikemela ka dinao.
O ne a kopa gore ba dirise ditalente tse ba nang natso go itshetsa, a re ba seka ba letlelela letlhoko la ditiro go ba apesa mowa wa boitlhobogo.
Fa a tshwaela tebang le ngongora ya ga Mme Chipo Lesang, yo o neng a supile fa go ngomola pelo go bo bana bangwe ba tsaya dingwaga ba thapilwe e le barutabana ba nakwana.
Mopalamente Letsholathebe o ne a supa fa puso e tsere tshwetso ya go simolodisa lenaneo la re-tooling, le mo go lone dialogane tsa barutabana ba dikole tse dikgolwane ba thapiwang mo dikoleng tse dipotlana.
Dr Letsholathebe o ne gape a leboga banni ba Themashanga ka go tsaya boikarabelo jwa go nna boineelo, go dirisanya mmogo le go tsaya tsia bogakolodi jwa puso tebang le go ilela bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo neng jwa tlhagoga kwa Zone 6b ngogola.
A re tiragalo eo e ne ya thusa gore bo seka jwa jwelelela kwa motseng wa bone.
Banni ba ne ba lekodisa Dr Letsholathebe ka matshwenyego a bone ka go farologana, mme bontsi jwa supa fa bo le ’bete semolangwana ka go ntshiwa mo lenaneong la batlhoki, ba supa fa ba setse ba wela mo isong.
Fa a araba, moeteledipele wa lephata la boipelego mo khanseleng ya Bokone Botlhaba, Mme Leagile Pusoentsi o ne a tlhalosa fa motho a ntshiwa mo lenaneong leo morago ga tshekatsheko, go bona fa botshelo jwa gagwe bo tokafetse.
Le fa go ntse jalo, o ne a tshepisa fa ba tlaa ikopanya le bangongoregi go bona gore tsela pedi go ka tsewa efe.
Mo tekodisong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Themashanga, Mme Kebonye Gochela o ne a supa boitumelo jwa go bo go dirwa ditsela tse di fa gare ga motse, ka fa tlase ga lenaneo la Constituency Community Projects (CCP).
Mme Gochela a re maiteko a go tsisiwa ga ditlamelo ka go farologana kwa motseng wa bone a a bonala, le fa go ntse jalo o ne a supa tlhobaelo tebang le tlhaelo ya matlo a boroko a badirelapuso.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : HEMASHANGA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Apr 2023